Metshameko e tswakanya iItsholelo
14 Aug 2019
Modulasetilo wa khansele ya Borwa Rre Alec Seametso o kopile makhanselara a kgaolo eo le boeteledipele ka go farologana go rotloetsa mananeo a tshwana le a Botswana Games ka jaana metshameko e ka ntsha batho mo lehumeng.
O buile jalo kwa phuthegong e e faphegileng ya khansele ka Labobedi e e neng e itebagantse le pego thulaganyo ya madi ya ngwaga wa 2020/2021, mme kwa go yone ga balwa mokwalo wa Botswana Games o o kopang thotloetso ya makhanselara.
Metshameko eo, e e akaretsang dikgaolo tsotlhe tsa lefatshe leno, e tlaa tshwarelwa kwa Gaborone ka Sedimonthole, mme lenaneo la go tlhopha baemedi ba dkgaolo le tsweletse.
Rre Seametso o ne a ba bolelela fa nako e gorogile gore itsholelo ya lefatshe e tswakanngwe, mme seo a tlhalosa fa se ka dirwa ka go rotloetsa dikarolo tsa itsholelo di tshwana le metshameko.
A re bana ba tshwanetse go rotloediwa go inaakanya le metshameko ba le bannye gore bokgoni jwa bone bo lemogwe.
A re go dira jalo go ka thusa bana go itshetsa ka metshameko, bogolo jang ba ba sa dirang sentle mo dithutong.
A re thotloetso e e ka dirwa ka go tlamela didirisiwa tsa metshameko mo dikoleng gore bana ba kgone go ikatisa.
O ne a kopa dikhansele-potlana go netefatsa gore mabala a metshameko kwa dikgaolong tsa bone a mo seemong se se ka rotloetsang bana go tsena mo metshamekong.
A re gape o kopile komiti ya Botswana Games go tsamaya le dikgaolo-potlana ka go farologana ba tlhalosetsa batho maikaelelo a bone gape ba tsaya le megopolo mo bathong.
A re dipuisanyo tsa go nna jalo di ka thusa go godisa metshameko mo lefatsheng leno.
Mokhanselara wa Nyorosi Botlhaba Rre Kagisanyo Tau o ne a akgolela modulasetilo thotloetso e a e eleletsang metshameko.
O ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go netefatsa gore mabala a metshameko kwa dikoleng a akaretsa metshameko ka go farologana.
A re se se ka rotloetsa bana go ikatisetsa metshameko ka go farologana mme go lemogwe bokgoni jwa bone jo bo farologanyeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : Kanye
Event : Phuthego
Date : 14 Aug 2019