Breaking News

Marang a letsatsi a ka bepisa seemo

14 Aug 2019

Mookamela maranyane a kgotetso go tswa lephateng la ditswammung, kgotetso le metsi, Rre James Mulenga a re puso e eletsa go bona Batswana ba tswa ka methale e mesha ya go fetlha motlakase wa marang a letsatsi.

A re go dira jalo go ka  rotloetsa dikhamphani go nna le kgatlhego ya go aga mafaratlhatlha a ditshipi tse di fetlhang  motlakase wa marang a letsatsi.

O buile jaana bosheng jaaka mokgatlho wa Green Energy and Sustainability Association (GESA) o ne o aba le go gokelelela sekole se sebotlana sa Gakuto dipone tsa motlakase o o fetlhwang ka marang a letsatsi.

GESA ka kemo-nokeng ya Botswana Development Corporation, e goketse  dipone tsa marang a letsatsi di supa gammogo le tse di dirisang motlakase o o kwa tlase, tse tsotlhe di lopileng dikete tse di makgolo a a ferang bongwe.

Kgokelo e e diragala morago ga gore mokgatlho o rulaganye thuto-puisanyo  go rutuntsha bangwe baithuti  le morafe ka maranyane a kgotetso,  kgokelo ya didirisiwa  le tiriso ya one go tokafatsa matshelo.

Rre Mulenga a re lefatshe leno le itemogela koketsego ya go thuthafala ga lefatshe ka mabaka a seemo sa phetogo ya loapi, ka jalo  go botlhokwa go tla ka methale e e faphegileng  go tokafatsa seemo se.

A re lefatshe la Botswana le ntse le fetlha  motlakase ka tiriso ya magala a a ntshang digase tse di kgotlelang tikologo  mme a re go hema se, puso e ikaelela go simolodisa go fetlha motlakase ka marang a letsatsi ka go babalesegile.

“Goromente o simolotse tsamaiso e ntsha  ya go sekaseka  melawana le mananeo a motlakase  go bulela gore Batswana  ba kgone go iphetlhela motlakase ka marang a letsatsi go o dirisa mo malwapeng ga mmogo le go rekisetsa kompone ya BPC.”

A re dipalo di supa fa mafelo a le masome mabedi mo lekgolong a sa gokelwa motlakase mme puso e ikaelela go a gokela motlakase wa marang a letsatsi.

A re puso e ikaelela gore motlakase wa marang a letsatsi o gokelwe kwa mafelong a a kgakala le ditlamelo ga mmogo le a a babalelwang ke go gokela motlakase o o fetlhiwang ka magala.

Rre Mulenga o tlhalositse fa balemi le bone ba tlaa akola ditirelo tsa motlakase wa kgotetso ka o ka ba tlhofofaletsa go ntsha metsi go nosa dijalo le leruo.

O ne a lebogela GESA go rutuntsha le go rotloetsa setshaba mo tirisong ya marang a letsatsi.

A re ba dira tiro e e botlhokwa go tshwaragana le puso go tlhabolola matshelo a Batswana.

“Ke dumela gore bana ba tlaa rutega ba sale bannye gore motlakase wa marang a letsatsi  o fetlhwa jang.

Ke rotloetsa Batswana botlhe go nna le seabe le kgatlhego mo  go anyweng  dithuto tsa tiriso ya motlakase wa kgotetso ka o babalesegile go ka kgotlela tikologo,” ga bua Rre Mulenga.

Modulasetilo wa mokgatlho wa GESA Rre Obuile Morewane a re ba dira se e le maiteko a go thusana le puso go fitlhelelela maitlamo a gore ka ngwaga wa 2030 lefatshe leno le ipelafatse ka itsholelo e e golang e ikaegile ka tiriso ya maranyane a kgotetso ntle le go kgotlela tikologo.

Rre Morewane a re mokgatlho wa bone o tlhamilwe ke baitseanape ba tsa kgotetso le tikologo morago ga go lemoga gore le mororo  go na le motlakase, ga o lekane lefatshe lotlhe, ka  jalo ba ikaelela go netefatsa gore lefatshe leno le akola motlakase wa marang a letsatsi.

A re ere ka jaana  seemo sa phetogo ya  loapi se tsweletse ka go bifela pele,  puso e tsweletse ka go tla ka methale ya tshomarelo tikologo .

“Re ikopantse re le bana ba Batswana ba ba ithutetseng kgotetso ya maranyane a sennela ruri, ka jalo re ikaelela go ruta setshaba go dirisa didirisiwa di tshwana le matlakala a ditlhare, boloko jwa dikgomo le dikoko go dira magala a a tokafaditsweng go fetlha motlakase ga mmogo le go dira gase e e apayang e se borai mo tikologong,” ga tlhalosa Rre Morewane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gosaitse Ditsele

Location : Molepolole

Event : Kabo le kgokelo ya dipone

Date : 14 Aug 2019