Breaking News

Go tsamaya ga bana ka dinao go a tshwenya

13 Aug 2019

Go sasankega ga diphologolo mo kgaolong ya Nhabe go kailwe go le borai mo matshelong a bana ba dikole.

Seo se builwe ke mokhanselara wa pele wa kgotla ya Disaneng mo Maun, Rre Baphothulodi Kgari morago ga mogwanto wa dikhilomithara di le masome a mararo le borataro o maikaelelo a one e neng e le go kgobokanya madi a a ka rekelang baithuti ba metsana ya Shokomoka, Mochaba, le Sakapane koloi ka jaana ba tsamaya sekgala go ya sekoleng kwa Shorobe.

Baithuti bao, ba ba masome matlhano le borataro, ba tsamaya sekgala sa dikhilomithara di feta masome a mabedi  ka letsatsi.

A re sekgala seo se baya matshelo a bana mo diphatseng ka jaana ba ralala diphologolo tse di borai jaaka ditlou, ditau le dinare.

Rre Kgari a re sekgala seo mo baneng ba babotlana se seleele e bile ba goroga kwa sekoleng ba lapile mme seo se kgona go ama dithuto tsa bone.

A re seemo seo, se ne sa mo tshwenya mme a kopana le ba bogosi kwa Shorobe a ba itsese ka kgang eo ka a lemoga fa thuto e le yone e ka betlelang baithuti bao bokamoso jo bo eletsegang.

O gwetlhile batsadi go tsaya karolo mo thutong ya bana ba bone.

A re go a swabisa gore ba bo ba ne ba seyo mo mogwantong le ntswa o diretswe go thusa bana.

O lebogetse barutabana ba ba neng ba tshologile tiro eo mokgosi.

Rre Kgari a re o ne a solofetse gore batsadi ba bana ba ba amegang ba tlaa atla mogopolo wa gagwe, a tlhalosa fa thuto e le peeletso mo baneng mme e tlhoka go nosediwa gore bana bao ba tshele botoka mo isagong.

A re go tlhoka go tsena sekole ke selo se se botlhoko thata, e bile go ka horokisa motho menyetla e mentsi mo botshelong.

Rre Kgari o ne a gwetlha batsadi go nna le seabe mo go rekweng ga koloi e e ka thusang bana.

Fa a ntsha la gagwe, Rre Onneile Thamuku  go tswa kwa komponeng ya Thams Services  o ne a atla mogopolo wa ga Rre Kgari a re o montle e bile o ka boloka matshelo a bana.

A re mogopolo oo, o tshwanelwa ke go engwa nokeng ke batho ka bontsi ka jaana o leka go tlamela matshelo a bana.

A re botshelo jwa gompieno bo tlhoka gore motho mongwe le mongwe a itse gore o tshela le ba bangwe, ka jalo go botlhokwa go thusa fa go nang le letlhoko teng.

O ne a akgola Rre Kgari a re o dira tiro e ntle thata go sireletsa bana mo diphologolong tse di borai.

Rre Thamaku o ne a kgothatsa baithuti gore e re le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho, ba tseye thuto ya bone ka tlhoafalo.

Kgosi Molatedi Dingalo wa Shorobe  o ne a lebogela tiro eo mme a supa fa morafe o tsile ka boutsana ka ntlha ya ditiro tsa selegae. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : Shorobe

Event : Mogwanto

Date : 13 Aug 2019