Matlakala a ka dira madi
13 Aug 2019
Matlakala a ka dira madi, a tlhamela batho ditiro a bo a thusa go itsa kgotlelesego ya tikologo le loapi.
Se se builwe mo kabo dietseleng ya khansele potlana ya Kgalagadi mo Tsabong fa e ne e lemoga botswerere jo banni ba bo dirang ka matlakala go dira didirisiwa kana mekgabisa ka matlakala.
Mogolwane go tswa kwa khanseleng-potlana ya Kgalagadi Rre Kaone Thibelang o tlhalositse fa dikgaisanyo tseo di ne di diretswe go rotloetsa metse go somarela tikologo. Rre Thibelang o supile fa dikgaisanyo di ne gape di direletswe go itshekatsheka, go leba ka fa kgaolo e dirileng ka teng go phepafatsa tikologo, a supa jalo gore khansele e ne e tsile go rekisetsa banni mogopolo wa gore matlakala a ka isa motho kwa khumong e seng gore matlakala a ye thothobolong ka go ba atswa ka ditlankana le lemmenyana.
“Malatsi a, re tshela mo dipakeng tse matlakala a dirang madi, ka jalo re rotloetsa batho gore ba a dirisise go ikhumisa,” a tlhalosa.
Mme Mmabotswana Mosupiemang o gateletse gore matlaka a kgona go dira madi go tswa fela gore ke matlakala a mofuta mang, a supa gore dipampiri di tshwana le pampiriri ya dikgang di kgona go dira sedirisiwa sa tlhwatlhwa.
Mme Mosupiemang o supile gore matlakala a isa boleng jwa tikologo kwa tlase mme e bile a ka tsenya malwetse, a ka gobatsa batho le diphologolo, a kgotlela loapi, a ka nna le monko o o sa siamang, ka jalo go botlhokwa gore a dirisiwe gape.
Kgosi David Toto II ene o tlhalositse gore go botlhokwa go bona gore kwa merakeng go phepa gore baji-bareki ba tle go akola nama e e phepa e e sa kgotlelwang ke gore dikgomo di ja leswe mo tikologong.
O ne a supa gore go tshwanetse jaanong ga patelesega ka fa molaong gore go agwe matlwana a boitiketso kwa merakeng go itsa gore tikologo e kgotlelesege.
Mogolwane wa tsa pabalesego ya tsa botsogo jwa setshaba go tswa khanseleng ya Kgalagadi Rre Patrick Keongadile o tlhalositse gore dikgaisanyo tsa bophepa jwa tikologo di tlaa dirwa mo dikgaolong fela lefatshe ka bophara di bo di felela foo ka mabaka a gore ditsompelo di a tlhaela.
Rre Keongadile a re, “Matlakala ke khumo a re seka ra tlogela khumo e gasagasame mo.” O ne a kopa jalo gore go nne le popagano le tomagano gore matlakala a dirisiwe ka fa go tshwanetseng ka teng.
Mokhanselara wa Omaweneno/ Kisa/Maralaleng Rre Ronald Baitsewe e bile e le modulasetilo wa komiti ya thuto le botsogo kwa khanseleng o ne a supa gore go borai go tshuba matlakala.
A re ene o eletsa go bona go dirilwe sekhakha se se thata, se se bokete se motho a kgonang go se dirisa gantsi se sa phunyege.
A re e re lentswa sekhakha se le borai, ga se a tshwanela go ntshiwa mo tirisong ka madirelo a dikhakha a tlaa tswalwa mme batho ba latlhegelwe ke ditiro.
O rotloeditse banni go reka dibeke go phuthela dilwana tsa bone go na le go reka sekhakha se se kgagogang ka pela mme e bile se le borai mo leruong, diphologolo tsa naga le bone batho tota.
Metse e e kgatlhileng leitlho la batlhatlhobi jwa tikologo e ne ya abelwa dietsele.
Khuis, Gakhibane le Makopong e ne ya itlhoma kwa pele ya nna dikgantshwane tsa metse e e phepa fa e tshwantshanngwa le metse e e lekanang le yone.
Mo go diriseng matlakala go bopa kana go dira dithoto, Mme Helen Moagele o ne a tsabakela a ikgapela dietsele tse dintsi go feta ba ba dirisitseng matlakala a dipampiri le a mangwe.
Rre Kaone Dipheko ya nna ene monana yo o dirisitseng matlakala a mabotlele le digalase go dira mekgabisa le didirisiwa tse di mosola.
Mme Mary Bojang o ne a ikgapela maemo a ntlha mo go diriseng sekhakha go dira tse di molemo.
Mme Kelebogile Thumpe ene o ne a dirile ka bokgabane mo go diriseng matlakala a mangwe go dira didirisiwa tse di mosola. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Tsabong
Event : Kabo dietseleng
Date : 13 Aug 2019