Breaking News

BIUST e belega dikole tse dipotlana

13 Aug 2019

Mookamela kgaolwana ya botlhatlhobi jwa dikoloe tse dipotlana ya Palapye Borwa, Mme Onalethata Thitoyamore a re la Inquity Based Learning fa le ka tlhoafalelwa le ka tokafatsa maduo.

O buile jaana kwa Manaledi bosheng kwa moletlong wa go alosa bana ba ba yang go dira lekwalo la ntlha ngwaga o o tlang, le go ipelela maduo a lekwalo la bosupa.

Sekole seo se ne sa gapa maemo a bobedi mo kgaolwaneng ya botlhatlhobi jwa dikole ya Palapye Borwa.

BIUST e ikgolagantse le dikole tsa kgaolo ya Letswapo go di thusa ka tse di ka dirwang mo kgodisong ya ngwana mo go tsa thuto.

Mme Thitoyamore a re go thona go bona sekole sa bana ba ba palo potlana se sa dire sentle, a supa fa go nonofa ga maduo le boleng ja one e le ja seemo se se kwa tlase. A re seo se ne sa ba pateletsa gore sengwe se dirwe go tlokafatsa maduo.

Mme Thitoyamore o ne a kgothatsa barutabana go dira ba le seopo sengwe le batsadi.

A re seo se ka tsisa maduo a a nametsang pelo.

Mogolwane o ne a re lenaneo leo le fa moithuti sebaka sa go dirisa tlhaloganyo, a dira ka diatla, ka kelelelo e e tseneletseng le manontlhotlho a go itlhaloganya.

Mogokgo Grace Obonye o ne a supa fa lenaneo leo le thusa baithuti go bona maduo a a kwa godimo le ikaegile ka thuto ka go dira, go ikakanyetsa le go supa botlhale jwa go ka bona dikarabo.

A re sekole seo se ne sa kgona go gapa maemo a bobedi mo kgaolwaneng ya botlhatlhobi jwa dikole ya Palapye Borwa ka 50 per cent AB le 100 per cent ABC. 

Mme Obonye a re sengwe gape se se ba tiisang moko le go feta ke tshwaragano le tirisanyo mmogo ya botsadi le banni ba motse oo,

 A re mo nakong e ntsi ba diragatsa lengwe la matshego a lefatshe leno a boithaopo kwa sekoleng seo.

Fa a tswa la gagwe, moitseanape wa kankere Dr Bonolo Mhaladi go tswa kokelong ya Princess Marina yo o tllholegang kwa motseng oo, o ne a ntsha lentswe la kgothatso a supa fa motho a kgona go nna se a se batlang go sa laolwe ke lefelo le a tswang kwa go lone fa e se maikemisetso a motho ka go itirela tolamo mo go tseyeng thuto ka tlhoafalo.

Dr Mhaladi o ne a re go le gantsi bana ba ba tswang mo metseng e mennye jaaka wa Manaledi ba na le go itseela kwa tlase.

A re ba tshwanetse ba nna le maikaelelo a botshelo jwa bone.

A re seo ba ka se kgona fela fa ba ka tsaya dithuto tsa bone ka tlhoafalo, e seng gore ba kgaramediwe gore ba ithute.

A re motheo le kgodiso ya ngwana di botlhokwa go tswa kwa lapeng, mme a kopa batsadi go ithuta bana ba bone go ba rotloetsa go nna se ba eletsang go nna sone.

A re thuto ke boswa, e tlhoka go nosediwa le go rotloediwa.

“Ke ne ke le motho yo o ratang sekole thata, mme ka bongwana ke ne ke ipatlela go itse go bala le go kwala fela, ya re fa ke ntse ke tlhatloga le thuto ka tsenya maropo dinameng mo go tsa thuto go fitlhelela ke nna se ke leng sone gompieno.”

Dr Mhaladi a re ga go na sepe se se thata.

A re ngwana mongwe le mongwe o ka kgona, fela fa a na le maikaelelo ka se a batlang go nna sone mo botshelong, a ba rotloetsa go tlhopha ditsela tse di maleba tse di ka ba thusang go ribolola botswerere jwa bone.

A re leina le lentle le a itirelwa, a tlatsa ka go re bana ba Manaledi ke bone ba ka tsholetsang serodumo sa motse wa bone.

A re go a kgonega gore bana ba ba masome a supa le bobedi bao e nne barutegi ba tlhwatlhwa fela botlhe mme ba direle motse wa bone go o isa kwa godimo.

Dr Mhaladi o ne a ba kgothatsa  go tsaya dithuso tse ba di fiwang ke puso ka di ka ba thusa mo botshelong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Manaledi

Event : Moletlong wa kaloso

Date : 13 Aug 2019