Modulasetilo o lekodisa banni ka seemo sa ditsela
12 Aug 2019
Modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi, Rre Meleko Thumpe o tlhaloseditse banni ba Kang fa ditsela tse di dirwang mo motseng wa bone tse di lopileg P217 million tse di dirwang ka lenaneo la go tsosolosa itsholelo di tsweletse sentle, le mororo go ne ga nna le madiadia.
Rre Thumpe o buile jaana mo phuthegong ya kgotla bosheng.
Modulasetilo o tlhalositse fa konteraka ya Lobkom e ne ya fiwa tiro ya go dira ditsela tse di ka tshwarang sekgala sa dikhilomithara tse di masome a mane le bone tse di fa gare ga motse.
A re tiro eo, e simolotseng Seetebosigo ngwagatlola, tsholofelo e le gore e fele monongwaga ka kgwedi ya Seetebosigo.
A re ka maswabi tiro ga e a wela mo nakong e e neng e beilwe, ka ntlha ya gore rakonteraka o ne a okelediwa ditirelo jaaka go tsenya dipone tsa mo mekgwatheng, go dira maemelo a mabotlana a ditaxi gammogo le go okelediwa go dira ditsela tse di neng di sa akarediwa fa tiro e simololwa.
A re le fa go nnile le tiego, rakonteraka o solofeditse go wetsa tiro monongwaga Sedimonthole a tlhola lesome.
“Nnang pelotelele ka jaana ditlhabololo di tsaya nako gore tiro e tle e nne ya boleng jo bo rileng.
Mme ditiro tse di dirwang ka botswapelo di kgona go nna lebaka le le leele go na le gore go dirwe sogwasogwane hela mme go dirisiwa madi a mantsi mo ditseleng tseo.”
O ne a tlatsa ka go gwetlha banni ba motse go dirisanya le borakonteraka, segolo bogolo fa go tla mo go direng ditshekatsheko tsa tshenyo mo malwapeng a bone tse di bakilweng ke go dirwa ga tsela.
A re ditshekatsheko di tlaa dirwa pele ga tsela e wela.
A re fa go kgonega batho ba duelelwe ditshenyo go santse go na le nako.
Mo go tse dingwe o ne a iteela konteraka ya Lobkom legofi ka gore e dirile dipharologanyo mo morafeng wa Kang ka jaana ba kgonne go hirisa matlo a boroko mme seo sa thusa banni go oba letsogo.
Rre Thumpe o ne a iteela rakonteraka legofi gore ntswa ba lebanwe ke namane e tona ya go dira ditsela, ba ne ba seka ba ipona tsapa ka go nna ba otlolola letsogo ba thusa mo ditirong tsa bopelotlhomogi, e le tsela nngwe ya go thusa setshaba se ba berekelang mo tikologong ya sone go thusa go tlhabolola matshelo a bone go nna a a itumedisang.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Basadi Seipone o ne a tlhalosa fa ba amogela ditlhabololo tse di dirwang kwa motseng wa bone, a supa fa di tlaa thusa go ngoka ditirelo tse dingwe tse di tlaa fetolang selebego sa motse wa bone.
Fa a afa tshedimoso ka seemo sa ditsela, moitseanape wa ditsela go tswa kwa khanseleng ya Kgalagadi, Rre Gabriel Mpofu, o ne a tlhalosa fa tiro e tsamaya fa go 51 per cent go na le seelo se ba neng ba se ipeetse sa 71 per cent, ka jalo tiro e saletse kwa morago ka dibeke di le lesome le bone.
Ka jalo, Rre Mpofu o ne a gwetlha rakonteraka go ititaya ka thupana go bona gore ba kgarametsa tiro, go netefatsa gore ba dirisa nako ya kokeletso ya monongwaga sentle.
Fa a afa mafoko a malebo, mokhanselara wa Kang Bokone, Rre Kemmonye Makatane o ne a lebogela tekodiso go tswa kwa go ba khansele, mme a gwetlha morafe go nna ba tsenenelela diphuthego tsa kgotla go tla go amogana megopolo le borakonteraka gammogo le ba lephata la ditsela gore ba itshekatsheka ka dikakgelo tseo go bona gore ba dira tiro ya boleng jo bo rileng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Kang
Event : Phuthego
Date : 12 Aug 2019