Breaking News

Maruping go a boelwa - Kgosi Toto

13 Aug 2019

Kgosi David Toto II wa Tsabong o rotloetsa bana ba sekole se sebotlana sa Nhake kwa Tsabong go itsetsepela ka ngwao ya bone gore e seka ya nyelediwa ke ditlhabologo tsa segompieno, jaaka go setse go supafala.

O buile jaana bosheng ka letsatsi la go tsosolosa ngwao kwa sekoleng seo.

Kgosi Toto II o ne a rotloetsa bana ba sekole seo gore ba tsee malebela mo merafeng ya mafatshe a sele e e santseng e ngaparetse e bile ikgantsha ka dingwao tsa yone.

O ne a supa fa letsatsi leo le le botlhokwa ka e le go rutana, go abelana le go gakololana, go boloka le go somarela ngwao gore e seka ya nyelela.

Sebui sa tlotla se ne sa re ntswa dingwao tsa  merafe e e mo Kgalagadi Borwa di farologana se se itumedisang ke ka fa ba tshelang mmogo ka teng e bile ba tlotla le go tlotlomatsa dingwao tsa bone go sena yo o nyenyafatsang tsa ba bangwe. 

A re selo se, se supega thata ka fa ba kgatlhegelang go ithuta diteme tsa  ba bangwe le gone go nyalana e le merafe e e farologanyeng.

Kgosi Toto II, yo e bileng e le moemedi wa Kgalagadi  Borwa kwa ntlong ya dikgosi o boletse fa merafe e e mo motseng wa gagwe e akaretsa Batlhware, Baherero, Bangologa, Makhalate, Manama, Barolong, Bakgatla le Batlhaping ba ba tswang kgakala ba tshwaraganye le gone go bopagana go rena kagiso.

Kgosi o ne a re kagiso le tlotlo e e renang mo motseng wa gagwe e kaya kagiso e lefatshe  la  Batswana le itsegeng ka yone go tswa bogologolong.

O ne a re Batswana ba tswa goo-lowe ka mowa wa kutlwelobotlhoko le lorato ka ba ne ba thusa le go tlhokomelana fa go tlhokafalang teng ka go ne go sena ngwana yo o neng a ka lala ka tlala le fa batsadi ba gagwe ba tlhokile lesego mo botshelong.

Mogolwane go tswa lephateng la thuto go tswa kwa moding kwa Kgalagadi,  Mme Pancy Mphinyane-Muzondiwa o ne a kgothatsa batsadi go ruta bana  ngwao ka e le mosola mo kgodisong ya bone gore mo isagong ba nne  batsadi ba ba nang le tlotlo le botho jo bo eletsegang.

O ne a re barutabana ba bone fa go le maleba go tshwara letsatsi le ka e le nngwe ya dithuto tse ba di rutwang mo sekoleng.

Mme Mphinyane-Muzondiwa o ne a gatelela thata setlhogo sa letsatsi leo sa Maruping go a Boelwa, go sa Boelweng ke Maleng, a supa fa batsadi ba tshwanetse go boela  morago ba  itshekatsheka  gore ba tsenye bana mo tseleng ka go ba ruta le go tsosolosa ngwao e e ka felelang e nyelela.

O ne a tlhalosa fa go na le merafe e e farologanyeng mo lefatsheng leno, mme ba ka supa dingwao tse di farologanyeng ka moopelo, puo, kapari, poko le dijo tsa Setswana ba di bona le go utlwa tatso ya tsone  gareng ga tse dingwe.

Mme Bame Bogatsu o ne a re moono wa letsatsi leo ke go tsosolosa ngwao le go lemoga botlhokwa jwa yone gore bana ba seka ba e latlha.

O ne a re ba supegetsa bana gore ntswa merafe e farologanye, ba kgona go tshela mmogo ba bopaganye.

E re ka letsatsi leo e ne e le la go ruta bana ngwao, Rre Kabelo Coetzee o ne a tlhalosa ka bophara ka ngwao ya Manama, ba a tlhalositseng fa ba tlholega kwa Namibia mme ba tsile mo Botswana ka nako ya dintwa tsa bone le Majeremane.

Rre Coetzee o ne a supa fa morafe wa Manama o bonwa kwa Tsabong le Lokgwabe le mo kgaolong ya Gantsi mme ba tlotla thata ngwao ya bone ka kapari, mmino wa Nama Staap le teme ya bone.

Fa a tlhalosa ka kapari ya bone o ne a supa e le mebala e e farologanyeng  go ya ka magosi a bone le gore kapari ya bone e e dibatabata ke sesupo sa diaparo tsa bone tse di neng di gagolwa ke ditlhare ka nako ya ntwa ba tshaba Majeremane.

Fa a bua ka ngwao ya Baherero, Rre Thapelo Kapeko o ne a tlhalosa fa le bone ba ne ba tshaba ntwa ya Majeremane mme ba tshabela mo Botswana mo dikgaolong tse di farologanyeng.

Rre Kapeko o ne a supa fa morafe wa Baherero o tlotla thata ngwao ka kapari,  puo ya Seherero le gore bone ke barui ba dikgomo mme bomme e le bone ba ba gamang dikgomo fa borre e le bone ba disang dikgomo.

Dijo tsa bone di akaretsa nama, madila le mageu. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Tsosoloso ngwao

Date : 13 Aug 2019