Breaking News

Kgosi o rotloetsa tshomarelo ya lolwapa

12 Aug 2019

Kgosi Kebinatshwene Mosielele wa Manyana a re lelwapa ke konokono mo botshelong jwa Motswana ka e le kwa motheong wa maitsholo a motho go nna a sebopego se se eletsegang mo setshabeng. O buile jaana kwa Kang bosheng jaaka a ne a patilwe ke ba mokgatlho wa Dingwetsi Association, go rutuntsha morafe ka botlhokwa jwa go aga lelwapa le le nonofileng.

Kgosi Mosielele a re malwapa mangwe ga a robalelwa ke ditlhokwa ka ntlha ya dikgwetlho di tshwana le tiriso botlhaswa ya ditagi, ditlhalo tsa banyalani, boimana jwa basetsana ba dingwaga tse di kwa tlase le borukutlhi.

Ka jalo, Kgosi Mosielele o ne a gwetlha dikgosi go ikatumetsa merafe ya bone go ikgata motlhala go bona gore ba fapogile fa kae.

O ne a ba gwetlha go tlhama mekgatlho e ka yone ba tlaa thusanang go lebagana le dikgang tsa mohuta o, go bona gore ba busetsa serodumo sa lelwapa ka ke gone kwa bontsi jwa dilabe di ka feelwang teng.

A re ba bone go le maleba go rutuntsha setshaba ka botlhokwa jwa go aga lelwapa le le nonofileng, bogolo thata mo kgodisong ya ngwana gore ba gole ba tshwere molao o ba o filweng kwa lwapeng gore go goleng ga bone e nne batho ba ba nang le sekao mo setshabeng.

Kgosi Mosielele o ne a supa gape fa ngwao ya Setswana e dule bontsi ka diphatlha tsa menwana, ka jalo a gwetlha setshaba go itsaya motlhala go bona gore ba boela mo seporong. A re seo se ka thusa go babalela serodumo sa lo]elwapa ka jaana bomme le borre ba tlaa ithuta ka ditsamaiso tsa malwapa.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Kgosi Mosielele o ne a supa fa lenyalo le na le melao ya Setswana le ya sekgoa, melao e a supileng fa e na le go gotlhagotlhana.

O ne a gwetlha setshaba go sala tsamaiso ya lenyalo la Setswana morago, a supa fa le na le seriti go na le la sekgoa, ka jaana lenyalo la Setswana le na le morero le bokaedi magareng ga bagwe le bagwaegadi go na le la sekgoa, le a supileng fa banyalani ba kgona go inyadisa ka bobone fela kwa ntle le morero wa batsadi.

A re go inyadisa moo, go dira bore bobedi bo tlhoke go fiwa bogakolodi ke batsadi ka fa ba tshwanetseng go tsamaisa malwapa a bone ka teng.

Moeteledipele wa lekgotla la Dingwetsi Association, Mme Grace Silver, o ne a tlhalosetsa morafe fa mokgatlho wa bone o tlhamilwe ke bomme ba ba nyetsweng ba maikemisetso a bone e leng go ema kgatlhanong le tlhalo.

A re ba itemogetse gore ditlhalo tse dintsi tsa banyalani di dira gore lenyalo le seka la nna le kgogedi, mme mokgatlho wa bone o leka ka bojotlhe go busetsa serodumo sa lenyalo ka go rutuntsha batho ka botlhokwa jwa lenyalo.

Mme Silver a re ba ikemeseditse go tswelela ba bereka le dikgosi, balaodi le makalana ka go farologana go ba thusa gore lentswe la bone le utlwale. 

O supile fa lenyalo le tlhodilwe ke Modimo, mme wa dira rre tlhogo ya lelwapa , fa mme ene e le mothusi wa ga rre.

“Borre nnang ditlhogo tse di nang le maikarabelo gore bathusi ba lona ba kgone go dira tiro ya bone ka tshosologo, ka thitibalo mo lwapeng  e thusa gore bana ba golele mo ledulong le le siameng.” O ne a kgothatsa borre gore ba seka ba itlhokomolosa maikarabelo a bone ka go itira bakgokgontshi .

A re go dira jalo go tsala masula a tshwana le tlhalo, bonyatsi le gone go bapala malwetse kwa ntle. O ne a ba gwetlha go ratana, go nna le dipuisano tse di lolameng, le go emana nokeng ka dinako tsotlhe e le tsela nngwe ya go godisa lelwapa la bone.  Sebui se sengwe, Mme Barolang Tumelo, o ne a gwetlha banyalani go agela kgolagano ya bone mo leratong ba ikaegile ka Modimo.

A re ba tlotlane gore ba nne sekao mo baneng ba bone. Fa a tswa la gagwe, Mme Mmaserame Motshabesi o ne a rotloetsa dingwetsi go tlotlana le bomatsalaabone le gone gore ba agisanye ka lorato go itsa go kubetsana mo go sa feleng.

O ne a gwetlha bommabasetsana go ruta bana ba bone tsamaiso ya bongwetsi gore fa a na le dipharologanyo le rre wa gagwe ga a boelea ga bone, o ya go itekodia bomatsalaagwe gore ba bone gore ba ka letlanngwa jang.

Kgosi Mogotsi Manyana o ne  a gwetlha borre go tswa kwa mahure, ka  go tlhama mekgatlho ya borre  jaaka bomme gore ba kgone go ithuna dinta ka dikgang tse di ba amang le go tla ka ditharabololo tse di ka ba thusang go babalela malwapa a bone.

Mo mafokong a  gagwe a kamogelo, Kgosi Basadi Seipone o supile fa dikgang tsa ditlhalo di feta thapo tsa leselo, ka jalo a gwetlha banyalani go ithuta go itshwarelana fa ba na le diphapang, a supa fa bontsi jwa dikgang di ne di sa tlhoke go ka bo di ne di isitswe kwa pele ga makgotla a ditsheko go tshereganngwa. O gwetlhile banyalanai go dirisa makalana a a rutuntshang ka lenyalo e le tsela nngwe ya go dibela malwapa a bone. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Kang

Event : Thuthuntsho

Date : 12 Aug 2019