Breaking News

Letsholo la tlhabololo le tsweletse

12 Aug 2019

Mokwaledi mo ofising ya ga Tautona, Rre Carter Morupisi a re puso e tsweletse ka letsholo la go tlhabolola matshelo a Batswana.

Rre Morupisi a re mananeo a puso e e eteletsweng pele ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a itebagantse le go tlhamela Batswana ditiro le tse di tla dirang gore ba tshele botoka.

O buile jalo ka Matlhatso jaaka a ne a bula ntlo ya dikamore tse pedi e e agetsweng Mme Kedule Bothokotso mo kgotleng ya Flowertown mo Mahalapye.

A re go botlhokwa gore morafe le boeteledipele mo magaeng jaaka Mahalapye ba ipaakanyetse go amogela bagwebi ba ba eletsang go bula dikgwebo mo metseng ya bone gore ba tlhame ditiro.

E rile a itebaganya le banni ba kgotla ya Flowertown ba ba neng kokoanetse go tla go amogela mtlo, Rre Morupisi a tlhalosa fa go le botlhokwa gore rotlhe re nne le seabe mo go thuseng go tlhabolola matshelo a ba bangwe.

“Ke fano ka maitlamo a a re lebanyeng rotlhe re le setshaba. A re tshwaraganeleng botshelo le ditiro ka go farologana.”

O supile gore tebelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2036, le mananeo a ditlhabololo di tshwanetse tsa akaretsa botlhe, ka jalo go agela ba ba senang bonno ke sengwe sa dilo tse di tsamaelanang le maikaelelo a puso a go tlhabolola motho.

Le fa go ntse jalo, Rre Morupisi o supile botlhokwa jwa gore le fa Batswana bangwe le puso ba tsweletse ka mowa wa tshwaragano le bopelotlhomogi wa go abela ba ba seng lesego mo setshabeng, ba ba abelwang ebile ba santse ba na le nonofo ba dire sengwe go busetsa seriti mo matshelong a bone.

Ka jalo Rre Morupisi a re mo botshelong motho o tshwanetse a latlha mekgwa mengwe e a lemogang e sena maduo.

“Dilo dingwe tse o di dirang di sena mosola mo botshelong jwa gago, go na le nako e o tshwanetseng go kgaogana le tsone, mme wa simolola go dira tse di godisang seriti sa gago,” Rre Morupisi a tlhalosa.

O supile gore go itontela nnotagi mme motho a sa dire sepe se se molemo mo botshelong jwa gagwe, ke sengwe sa dilo tse di busetsang morago.

O kgothaditse bana ba ga Mme Bothokotso go itsosa mme ba dire tse di molemo tse di ka tlaleletsang mpho e ba e abetsweng.

Rre Morupisi a re le fa Batswana ba na le dipharologanyo, go botlhokwa go lemoga gore di rarabololwa ka kagiso, selo se se dirang gore ba tswelele ka go gakologelwa ba ba tlhokileng lesego mo matshelong a bone.

O tlhalositse gore sengwe sa dilo tse di tsisang ledula ke tshwaraganogo le go nosetsa kagiso gore setshaba se tswelele  ka go thusana go lwantsha mathata a a kgoreletsang matshelo a ba bangwe.

Mo godimo ga go aba ntlo, Rre Morupisi o ne a rolela ba lelwapa la ga Mme Bothokotso dikobo di le lesome le bone tse di tswang kwa  go Mothusa Tautona Rre Slumber Tsogwane.

Mopalamnete wa Mahalapye Botlhaba yo gape e leng mothusa tona mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso o supile gore matlo a batlhoki ke dingwe tsa dilthabololo tse kgaolo ya gagwe e di beileng pele go di dira ka madi a a abelwang dikgaolo.

Mme Tshireletso a re go botlhokwa go dira ditiro tsa botlhokwa go tlaleletsa tse di dirwang ka mananeo a mangwe a ditlhabololo.

“Re lebeletse thata bonno jwa badirelapuso le batlhoki, go tlhabolola dikole tse di neng di senyegile thata le go tokafatsa seemo sa ditsela.

Mo mafokong a gagwe a go amogela ntlo, Mme Bothokotso o lebogetse puso lenaneo la go agela ba ba seng sego mo setshabeng matlo a boroko.

“Le tswelele le dire ka thata, Modimo a le thuse.

Ke lebogetse go agelwa ntlo ke Kgosi le Mokhanselara.”

Mme Bothokotso a re o lebogetse  ofisi ya boipelego go mo rekela kolotsana e a tsamayang ka yone.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : Mahalapye

Event : Pulo ya ntlo

Date : 12 Aug 2019