Ba gakololwa go bega dikgetsi tsa kgokgontsho
11 Aug 2019
Leloko la mokgatlho o o ikemetseng wa Women Against Rape (WAR) mo Maun Mme Gofilweone Samakabadi a re go tlhoka go bega dikgang tsa kgokgontsho ya bong go tshwana le go e rotloetsa.
Mme Samakabadi o buile jaana kwa segopotsong sa ba ba kgokgontshitsweng, bogolo jang ba dipolaano tsa marato kwa Maun ka Laboraro.
Sepotso seo se ne se rulagantswe ke mohumagadi wa Batawana Mme Boitshoko Moremi yo o tshwentsweng ke dipalo tse di golang tsa dipolaano tsa baratani.
Mme Samakabadi a re go lebega fa malwapa e le one a a rotloetsang kgokgontsho ka go didimala le ntswa ba bona bangwe ka bone ba amilwe ke seemo se.
A re ntwa ya kgokgontsho e tlhoka batho botlhe e seng makgotla a a dirang le dikgang tsa mohuta oo fela.
O ne a tlhalosa fa lekalana la bone le sa fele pelo go rutuntsha batho ka ditsela tsa go rarabolola dikgotlhang.
A re dithuto tseo di tshwarelwa mo dikgotlaneng tsa Maun e bile di rutuntsha bagolo le bana go thibela kgokgontsho.
A re mokgatlho wa bone o na le lekalana la tsa bogakolodi, mme a re ba itemogetse kgolo ya dipalo tsa borre ba ba tlang go kopa tshidilo maikutlo, a re seo se a itumedisa ka borre ba ne ba saletse morago.
Kgosi Kegaisamang Ramokwena wa kgotla ya Boseja o ne a supa fa dipolaano di ka fedisiwa ke go boela ga batho kwa Modimong.
Kgosi Ramokwena a re batho ba latlhegetswe ke ngwao, bana ga ba sa tlhola ba na le botho.
O boletse fa batho ba ne ba kgona go tshela mmogo bogologolo ntleng ga lenyalo mme go sena dintwa tse di maswe tsa gompieno tse go dirisiwang dibetsa tse di bogale jaaka dithipa.
Mme Moremi a re go ngomola pelo go bo dipolaano tse dingwe di diragala mo matlhong a bana, ka jalo a re o ne a tlelwa ke mogopolo wa go rulaganya letsatsi la go gopola ba ba tlhokafetseng ka mkgwa oo.
Mme Daisy Wright o ne a kgala dipolaano tseo a sa kgwe mathe.
A re go a tshwenya go bo go na le dikgang tse dintsi tsa dipolaano le go thubediwa ga bomme.
Ka jalo, o ne a rotloetsa gore dikgang tsotlhe tse di amang go bolawa ga batho di begwe ka kelelelo ke mapodisi le ba dikgang gore go seka ga gogomosa maikutlo a ba ba latlhegetsweng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Letsatsi la segopotso sa ba ba kgokgontshitsweng
Date : 11 Aug 2019