Molatlhegi o akgolela mapalamente matsetseleko
11 Aug 2019
Motshwarelela motsamaisa dipuisanyo tsa palamente, Rre Kagiso Molatlhegi a re palamente ya bolesome le motso e dirile diphetogo di le mmalwa tse di itumedisang mo nakong ya yone go tswa ka 2014 go fitlha ka 2019.
E rile a bua le mapalamente kwa dijong tsa motshegare tse di neng di rulagantswe ke Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi mo Gaborone ka Labone, a lebogela sebaka sa go bereka le mapalamente ao.
A re le fa ba ne ba farologana go ya ka diphathi tsa sepolotiki, tiro ya palamente ba ne ba e tshwere ka matsetseleko le mowa wa naalano.
Rre Molatlhegi o galaleditse Tautona Masisi go bo a nnile le sebaka sa go tsaya karolo mo dipuisanyong tsa palamente.
A re se, ke thotloetso e kgolo mo mapalamenteng le gore go supa fa moeteledipele a tsaya palamente ka tlhoahalo.
O tlhalositse fa Tautona Masisi o file palamente botshelo ka go nna teng ga gagwe, fa gare ga ditiro tse dintsi tsa puso tse a tshwaraganeng le tsone.
A re mo palamenteng ya bolesome le motso, go nnile le ditlhabololo tse di godisang palamente le go tiisa puso ya batho ka batho.
Le fa go ntse jalo, o boletse fa a eletsa gore Palamente e gasiwe ka tlhamalalo go fa Batswana sebaka sa go nna le lesedi ka tse di dirwang le tse di diragalang kwa palamenteng le go bona baemedi ba bone.
Rre Molatlhegi o kopile gore go nonotshiwe makalana a a dupang maphata le makalana a a ikemetseng ka nosi a puso ga mmogo le go tlhabolola ditsamaiso dingwe tsa komiti eo, go e fa boleng.
O akgotse tirisanyo mmogo e e neng e rena fa gare ga mapalamente a kganetso le a phathi e e busang le fa ba ne ba na le dipharologanyo.
Mo palamenteng ya bolesome le bomgwe go fetisitswe melao e le masome a ferabongwe le borataro, ditsamaiso-melawana di le tharo, le disthutiso di le mmalwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : GABORONE
Event : Moletlo wa dijo tsa motshegare
Date : 11 Aug 2019