Kamuso ka lebele e botlhokwa
11 Aug 2019
Bomme ba McCathy’ Rust ba kgothaditswe go amusa bana lebele ka e le tsone dijo tse di siametseng kgolo.
Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi leo, moeteledipele wa Kgalagadi South District Health Management Team (DHMT), Mme Tootini Mackenzie o tlhalositse fa mafatshe a seegetse kwa thoko letsatsi la kamusu ka lebele ngwaga le ngwaga beke ya ntlha ya Phatwe go tsibosa le go lemotsha setshaba ka botlhokwa jwa kamuso ka lebele.
O ne a tlhalosa fa mo Kgalagadi Borwa kgothatso eo e simologile kgwedi eno e rogwa go fitlha e supa.
A re batsadi ba ngwana ba tshwanetse go tshwaraganela ngwana go tlhomamisa gore o amusiwa lebele go simolola fela a tsholwa go fitlhelela go ya dingwageng tse pedi.
Mme Mackenzie a re mashi a lebele a siametse ngwana ka a na le dikotla tse di lekanetseng, ka jalo mo dikgweding tse thataro ngwana o tshwanetse go amusiwa mashi a lebele fela a sa jesiwe dijo dipe.
O boletse fa ngwana mo gongwe a ka seke a kgone go amusiwa go lebeletswe botsogo jwa ngwana kana mmangwana go ya ka ditaelo tsa ba bongaka.
O ne a supa fa mashi a lebele a sireletsa mo malwetseng le gore ngwana yo o amusiwang mashi a lebele o gola a itekanetse sentle go na le yo o sa amusiweng mashi a lebele.
O boletse fa puso e tseela kwa godimo kamuso ka lebele, ke sone se bomme ba ba berekang ba neelwang nako ya go ya go amusa ka nako ya tiro.
Mongwe wa baruthuntshi, Rre Jori o ne a gwetlha borre go ema bomme nokeng ka go ba fa lorato ka nako ya fa ba amusa.
A re mashi a lebele a tswa sentle fa mme a itumetse a sa utlwisiwa ke sepe botlhoko.
Rre Jori o ne gatelela botlhokwa jwa mashi a lebele ka a dirilwe ke Modimo a na le dikotla.
E re ka jaana ba DHMT ba ne ba boloditse letsholo go ya kwa Mc Cathy” Rust yo o dikhilomethara di ka nna masome a mabedi le botlhano go tswa mo Tsabong, dithuto ka mananeo a botsogo e ne e le matsorotsoro di akaretsa tsa lenaneo la thibelo mogare go tswa mo go mmagwana go ya kwa leseeng le le iseng le belegwe, thibelo boimana, tiriso ya khondomo ya bomme ka e dirisiwa ka boutsana, go rutwa ka dijo tse di siametseng botsogo jwa ngwana, kgotlholo e tona, go rutwa ka tlhokomelo ya legano le tse dingwe.
Ngaka ya dijo go tswa mo kokelong ya Tsabong, Rre Moseja Dibotelo fa a leboga o ne a supa fa maikaelelo a DMHT e le go etela metse e e mo kgaolong eo go ba ruthuntsha, go ba tsisetsa ditlamelo le ditirelo tse di tlhokafalang.
O ne a galaletsa banni ba Mc Cathy’s Rust o o nang le batho ba feta makgolo a supa, go bo ba tsibogetse letsatsi leo ka bontsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Mc CATHY RUST
Event : Ipelelo ya letsatsi la kamusu ka lebele
Date : 11 Aug 2019