Mogokgo o lebogela dimpho
01 Aug 2019
Mogokgo wa sekole se se botlana sa Gxhabara kwa Maun, Mme Tracy Mokunki, o lebogetse mokgatlho wa Botswana Homeless and Poor People Federation go thusa bana ba ba tlhokileng lesego.
Mme Mokunki o buile jalo fa a amogela dimpho tsa mesangwana ya bomme le dipaka tsa sekolo tsa mariga di le lesome go tswa kwa mokgatlhong oo bosheng.
A re dimpho di a itumedisa ka jaana bangwe ba bana ba ne ba sena tsone, mme seo se ame go tla sekolong ga bana ba basetsana ka nako ya fa ba le mo setswalong.
A re seemo se se kwa sekoleng seo se ngomola pelo, mme a re o dumela fa dimpho tseo di tsile ka nako ee tshwanetseng.
Mme Mokunki a re mengwe ya mesangwana e tlaa nna kwa sekolong gore e re fa bana ba nna le mathata ba kgone go ba thusa ka pela, a tlatsa dinako tse dingwe ba dirisa madi a sekole go rekela bana mesangwana eo.
O boletse fa kgotla ya Gxhabara e na le letlhoko le lentsi mme a akgola ba ba ntseng ba ba thusa ka a re seo se tlaa rotloetsa le bone bana go tla sekoleng ba phuthulogile, a re tlhokomelo ya bana e boutsana koo ka ntlha ya itsholelelo e e kwa tlase.
Mme Tswelelo Dambe a re mokgatlho oo o simolotse ka 2011, o gorogela kwa toropong ya Francistown. A re o ne o tla ka ofisi ya ba boipelego morago ga gore ba o bone kwa Zambia.
A re o aname le lefatshe ka bophara, a tlhalosa fa o fitlhelwa kwa Zambia, Zimbabwe, Namibia, South Africa le mafatshe a mangwe, ebile o na le ngwao ya go dira ditiro tsa bopelo tlhomogi le go boloka madi ga letsatsi le letsatsi.
A re thatathata ba bua ka go itlhabolola gore batho ba kgone go tswa mo lehumeng, a re ba boloka madi a ereng ko pheletsong ba lwantshe diemo tse ba nang natso mo malwapeng a bone jaaka go aga matlo, le go dira dikgwebo, ele bontlha jwa go itlhabolola.
Mme Kebahe Gasewame wa mokgatlho wa Tswelelo kwa Maun a re ba ne ba ikopanya le ba Federation go tlisa dimpho tseo ka. Mokhanselara wa kgaolo eo, Rre Vepaone Moreti a re go a itumedisa go bona mekgatlho e tsweletse ka go dira ditiro tse dintle tsa go thusana le go abela bana, segolo bogolo ba basetsana, a re seo ke go tsholetsa serodumo sa bone.
O tsweletse a re mekgatlho eo e dira gore basetsana fa bale mo sekoleng banne le phuthologo, ba ithute, le fa ba le mo setswalong.
Rre Moreti a re o bonye go motlama gore e re fa ba tlhaelang teng a ba tswe thuso ka go tlatsa di ‘tracksuit’. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : Maun
Event : Kamogelo dimpho
Date : 01 Aug 2019