Phenyo e tlhoka tshwaragano - Kwelagobe
29 Jul 2019
Ntlhopheng wa bopalamente wa kgaolo ya Serowe Borwa, Rre Lesedi Phuthego, o rotloeditswe go tshwaragana le makhanselara gore ba thuse Botswana Democratic Party (BDP) go fenya ditlhopho tsa setshaba.
Go ne go bua jalo lebutswapele la phathi eo, Rre Daniel Kwelagobe, fa a rola ntlhopheng yoo semmuso kwa Moiyabana bosheng.
Rre Kwelagobe a re phenyo ya bontlhopheng ba BDP e tlaa thusa phathi eo go fenya ditlhopho gore e kgone go tswelela ka mananeo a go tlhabolola matshelo a batho.
A re le fa go na le bangwe ba ba tsweletseng ka go supa fa e sa dire go lekanye go tlhabolola lefatshe, go botlhokwa go supa tse e di dirileng.
“Re tswa kgakala re dira ka thata, ka jalo go botlhokwa go gakolola ba ba lebalang,” ga tlhalosa Rre Kwelagobe.
O tlhalositse gore BDP e tsamaisitse Batswana tshipidi tonto mo mabakeng a a thata, go fitlhela Botswana a fatlhoga mo lehumeng.
Rre Kwelagobe a re BDP e rotloetsa tshwaragano e seng fela ya maloko a yone.
“Re ne ra rotloetsa mowa wa tshwaragano, go aga setshaba se se kitlanyeng.”
O gateletse botlhokwa jwa go tshwaragana ka gore go itsa mohoholela wa mekgwa e ka kgaoganyang batho ba utlwana.
O rotloeditse Rre Phuthego go tswelela a godisa mowa wa tshwaragano o o renang mo Botswana.
“Rra tsamaya mo motlhaleng wa bagolo, tswelela ka go nosetsa, go bopa le go nitlamisa puso ya batho ka batho. Ke dumela gore o tlaa dira ka botswapelo,” ga tlhalosa Rre Kwelagobe
Mokwaledi wa BDP, Rre Mpho Balopi a re go botlhokwa go tlhopha Rre Phuthego ka gore o setse a itshupile ka ditiro tsa gagwe gore o kgona go rongwa.
“Mo go tsotlhe tse le di dirang go ya pele, le seka la lebala kwa le tswang teng gore le seka la latlhegelwa ke tsela. Dirang jalo ka go tlhopha Domkrag. Boeteledipele jwa rona ke jwa neelano, a re ithuteng go le gontsi mo mabutswapeleng a phathi ya rona,” ga bua Rre Balopi.
Mopalamemnte wa Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse, ene o ne a leboga maloko a BDP aa supileng boineelo mo phathing ka nako ya fa go le thata.
“Le fa matsubutsubu a diphefo a nnile teng, ke leboga gore le lemogile gore ga gona kgotlhang e rarabololwang ka go thuba phathi. Le supile gore le na le tebelopele. Le nna ke santse ke le fa ka mabaka a gore ke setse morago motlhala o o bonalang.”
Rre Autlwetse a re, “Pitsa e budule, ke nako ya gore e tsholwe. Ke boswa jwa rona, re bo diretswe ke batsadi ba rona. Le seka la letla bo-mabina-go-tsholwa go le tsholela pitsa ntswa e se baapei ba yone.
Ntwa e fa pele ga rona e thata e robang dimapo, e tlhoka banna le basadi ba itse botlhokwa jwa go sireletsa se e leng sa bone.” Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : MOIYABANA
Event : Phuthego ya bo ntlhopheng
Date : 29 Jul 2019