Breaking News

Tautona o lekola Kwelagobe

22 Apr 2019

Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a re mongwe wa mabutswa pele a sepolotiki Rre Daniel Kwelagobe, yo e bileng e le leloko la Botswana Democratic Party (BDP) o a sidilega.

Tautona Masisi o buile jaana a lekodisa babega dikgang morago ga go tlhola Rre Kwelagobe yo o robaditsweng kwa kokelong ya Netcare Milpark a sena go kubugelwa ke bolwetse bosheng.

Mo boemong jwa puso, Tona wa Merero ya Ofisi ya ga Tautona, Tsamaiso Puso le Bodiredi, Rre Nonofo Molefhi, o boletse fa ba bookelo kwa Milpark ba ne ba ba lekodisa le go ba solofetsa fa Rre Kwelagobe a sidilega ka jaana ba ne ba itlhaganelela go mo neela kalafi e e maleba.

Rre Molefhi a re seo se ne sa ba nametsa ka jaana ba ile ba le dipelo di botlhoko mme ba feta ba nametsega ka jaana ba fitlhetse mabela e se a maloba.

A re monyenyo wa ga Rre Kwelagobe o ne wa ba gomotsa ba bo ba itumelela dinyao tsa gagwe.

Rre Molefhi o ne a tswelela ka go tlhalosa fa Rre Kwelagobe a diretse lefatshe la Botswana ka botswapelo, mme ka jalo go ne go tshwanetse gore puso e tshwenyege ka botsogo jwa gagwe.

A re Rre Kwelagobe o tshwana le motlobo wa dikitso wa lefatshe le yone tota phathi ya BDP.

Ka jalo, a re go ne go tshwanetse gore Tautona a iphe matsapa a go ya go lekola Rre Kwelagobe.

O ne a kaya fa Rre Kwelagobe e le bontlha bongwe jwa kokomane ya bobedi morago ga boipuso, e le batshwarateu mme e bile e le mongwe wa mapalamente le matona a puso a ntlha a lefatshe leno.

Tsala ya gagwe Rre Satar Dada o ne a supa boitumelo a re ba na le tshepho ya gore Rre Kwelagobe o tlaa sidilega.

Rre Dada o supile fa Rre Kwelagobe a ne a itumeletse go bona Tautona le bagolwane ba phathi.

Rre Johnson Motshwarakgole, yo e leng ntsalae, o boletse fa Rre Kwelagobe a ne a ragosediwa kwa bookelong a sa bue mme jaanong a le botoka fela thata ka jaana ba mo fitlhetse a kgona go bua e bile a itumetse thata go bona ba lesika le Tautona le ditsala tsa gagwe.

Tautona Masisi o ne a patilwe ke Tona Molefhi, mokwaledi mogolo wa phathi ya BDP, Rre Mpho Balopi, Rre Motshwarakgole, Rre Dada le bagolwane ba bangwe ba puso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ketshepile More

Location : GABORONE

Event : Tekodiso bolwetse

Date : 22 Apr 2019