Se tseeng ba ba nang le mogare ka letsogo la molema
14 Apr 2019
Mooki wa pele Mme Venice Modikwa a re go a gakgamatsa gore bangwe ba santse ba tsaya ba ba nang le mogare wa HIV ka letsogo la molema mme go na le dingwaga di le dintsi setshaba se itse ka mogare.
Mme Modikwa yo o tlogetseng booki ka bogodi a re mo nakong eno batho ba kabo ba kgona go itlhatlhobela mogare mo pepeneneng ba sa tshabe sepe e bile ba bonwa ke mongwe le mongwe mme mathata ke ba ba santseng ba leba ba ba nang le mogare ka leitlho le sele e bile ba ba kgetholola.
Mme Modikwa o tlhalositse gore le ntswa dithuto ka HIV/AIDS di le dintsi bangwe ekare ba a di ikgatholosa ka ba setse ba ipoleletse gore ba itse ka mogare ka mo nakong eno mogare o tsweletse o a anama.
O ne a bua jaana kwa sekoleng se segolwane sa Mmachibaba kwa Ratholo kwa sekole seo se neng se keteka letsatsi la banana kgatlhanong le mogare bosheng.
A re bangwe ba lomaganya mogare wa HIV le leso mme seo se dire gore ba ba iseng ba itse seemo sa bone ba tshabele kgakala.
Ka jalo a re HIV ga se yone fela e ka tseelang motho botshelo mme go na le malwetse a mangwe a a kgonang go gapela motho botshelo.
Mme Modikwa o ne a ikuela mo setshabeng go fetola ka fa ba tshelang ka teng le go fetola maitsholo a bone go fokotsa kanamo ya mogare.
O kopile sechaba go tsena mo seemong sa gore ba itse seemo sa bone ba sa tshabe sepe ka mo nakong eno puso e simolotse lenaneo la treat all le le letlang yo o nang le mogare go tsaya diritibatsi fa a sena go itse seemo sa gagwe ntleng le go dia nako. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : RATHOLO
Event : Letsatsi la banana
Date : 14 Apr 2019




