Breaking News

Tswelelopele ya thuto e ikaegile ka ba-na-le seabe

09 Apr 2019

Mogokgo wa sekolo se segolwane sa Letsopa kwa Lobatse, Rre Godiraone Gothaang, a re sekolo ga se kake sa kgona go ntsha maduo a a botoka fa go sena kemonokeng ya ba-na-le-seabe botlhe.

Rre Gothaang o buile seo fa sekolo sa Letsopa se ne se tshwere bokopano jwa go lemotsha ba-na-le seabe botlhokwa jwa go tshwaraganela thuto bosheng.

O kopile batsadi go tshwaragana le sekolo gore ba kgone go betla baithuti mmogo ka lore lo ojwa lo sa le metsi.

E rile akgela, Mme Aobakwe Mosime go tswa kwa lefatsheng la Aferika Borwa, yo e leng mokwadi wa buka ya Under The Blazer, a bolelela gore go botlhokwa gore baithuti ba itlwaetse go bala dibuka.

A re go bala go dira gore dithuto di nne bonolo le fa e le tse dithata, ka jalo a rotloetsa batsadi go rekela baithuti dibuka tse di balwang.

Mme Mosime o rotloeditse baithuti go dira go menagane mo dithutong tsa bone.

A re fa ba ipaakanyetsa ditlhatlhobo ba kope thuso fa ba sa kgoneng teng, ba bo ba tsenye ditlhaloganyo le dipelo tsa bone mo thutong.

O tsweletse a ba bolelela gore barutabana ba teng mo sekolong go ba thusa mme le batsadi ba tshwanetse go thusa baithuti kwa malwapeng.

Moopedi wa mmino wa Afro- soul Rre Babsy Mlangeni go tswa kwa Aferika Borwa, yo o ithaopetseng go tlhokomela sekolo sa Letsopa, a re ene e le motlhoka-pono o batla go bontsha baithuti ba thuto e e faphegileng gore go nna le bogole ga se go tlhoka bokgoni.

O tladitse ka gore le bone ba na le bokgoni jwa go ithuta le go pasa jaaka motho mongwe le mongwe.

Morutabana wa bogakolodi le tshidilo maikutlo, Mme Lekwalo o tlhalositse fa maikaelelo a bokopano e ne e le go buisanya le ba-na-le-seabe mo thutong ya ngwana go re ba thuse go tokafatsa maduo.

A re maikaelelo gape e ne e le go kgothatsa baithuti ba mophato wa boraro.

Mokgatlho wa Junior Chamber International o ne wa abela sekolo se mesangwana e e dirisiwang ke basetsana e le lekgolo, fa ba Game Changers bone ba abetse sekolo seo dibuka di le masome a mabedi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Bokopano

Date : 09 Apr 2019