Breaking News

Babapadi ba phane ba tshologela kwa Maokatumo

24 Mar 2019

Kgosi Baikananyi Sebetlela wa Maokatumo kwa kgaolong ya Legare a re ba lemogile fa palo ya babapadi ba phane e godile kgwedi eno.

Kgosi Sebetlela o kaile mo potsolotsong fa ba bapadi ba phane ba tswa mo dikgaolong ka go farologana go ralala lefatshe leno.

A re mo pegong e ba e filweng ke lephata la tlhokomelo ditlhare, go supegile fa go abilwe diteseletso tse diletlelelang batho go bapala phane go jela mo ganong dile makgolo a matlhano le masome a mane le bone.

O kaile fa diteseletso tse di le mefuta mebedi mme ele ya go ya go bapalela go jela mo ganong le go bapalela go gweba, ka jalo diteseletso tse di abilweng fa dikopanngwa di le sekete le masome a ferabobedi le boferabobedi.  

Kgosi Sebetlela a re babapadi ba phane ba tshwanetse go nna golo go le gongwe fela gore matlakala a kgone go laolesega.

O laetse babapadi bao go itlhokomela, segolo jang ka ba sa itse naga e baleng mo go yone le gone go itsa dikgang tsa go timela.  

Kgosi o tlhalositse fa mapodisi a etela dikampa tsa batho bao ka go farologana letsatsi le letsatsi go bona gore sengwe le sengwe se dirwa sentle e bile ga gona borukutlhi le sepe fela se se ka fatlhang.

Kgosi Sebetlela a re le ene o mo maikaelelong a go ba etela go bona fa ba leng teng a tlhalosa fa mathata ele gore mo motshegareng ba a bo ba le mo sekgweng go bapala phane.

A re o ikaelela go inaakanya le bagolwane ba lephata la tlhokomelo ditlhare ba ba etelang mafelo ao maitseboa.

Mothusa kgosi, Rre Ketlhapile Kedikilwe, o tlhalositse fa go sa tlhoke gore go nne le sepe se se duleng mo tseleng ka gore bontsi bo tsile kwa kgaolong eo go batlela bana ba bone paletshe ka go bapala phane.

A re thekiso ya bojalwa ga e a tshwanelwa go letlelelwa kwa mafelong ao ka gore go le gantsi fa go nang le bojalwa teng go nna le botlhoka tsebe, ka jalo go botlhokwa go kganela bojalwa go itsa borukutlhi le dintwa tse dika bakiwang ke nno tagi, tse mo nakong e nngwe difelelang ka dipolaano.

Kgosi Kedikilwe a re go botlhokwa gore fa babapadi ba phane ba bona mongwe yo ba mmelaelang ba mmatle teseletso, fa e seyo ba ikopanye le ba molao go mo tseela dikgato tse di maleba. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kealogile Diloro

Location : Maokatumo

Event : Potsolotso

Date : 24 Mar 2019