Breaking News

Son of the Soil tatso ya lobebe lwa Setswana

05 Mar 2019

E rile ka Matlhatso matshwititshwiti a barati le barotloetsi ba moletlo wa Son of the Soil (SOTS) ba tshologela kwa Serokolwane Lawns go ya go ipelela le go akola tatso ya lebebe la ngwao ya Setswana. 

Moletlo wa SOTS o diragala ngwaga le ngwaga, mme ka o ne o seyo ngogola, batho ba supile fa ba ne ba o nyoretswe. 

 Rre Kabelo Semele, yo e leng leloko la Bana Ba Mmala Trust (BBMT), ba e leng bone batlhami ba moletlo o, o supile fa monongwana ba itumeletse dipalo tsa batho. 

A re go a itumedisa go bona batsadi ba tsile le bana e bile go solofetsa gore ngwao ya Setswana ga e na go nyelela. 

Rre Semele o supile gore bana ke bone bokamoso jwa lefatshe, ka jalo ba tshwanetse go rutwa go tshegetsa ngwao le go ipela ka yone. 

Ntswa go ne go le mogote, Batswana ba ne ba gololesigile fela ba ijesa monate ka go bina le go opela mmino wa dikhwaere. 

Kapari yone e ne e le ya moemo a ntlha, go tsabakelwa ka mebala e e farologanyeng. 

Batho ba ne ba kgaogantswe ka dikgotlana mme ba eta ba phadisana ka mmino le metshameko e e farologanyeng, monate e le o o tswang ka ditsebe. 

Moono wa moletlo o e ne e le; Kwa Re Go Yang -Re Ipela, e le sone sekao sa go ipela le go itumelela ngwao e e faphegileng ya Botswana. 

Dijo tsa Setswana ka mefuta le tsone e ne e le ntletsentletse. 

Ntswa go ne go lemotshega gore batho bangwe ba ne ba sa itumelela gore dijo di a rekwa, batho ka bontsi ba ne ba ipswina. 

Letsatsi le ne la natetshiwa ke Dr Vom ka pina ya gagwe ya Tsaya Thobane, e mongwe a neng a umaka fa e tshwanetse go dirwa pina ya setshaba ka e ka se tlhole e fela monate. 

E re ntswa a ne a opela dipina tsa gagwe tse dingwe, e pina e ne e le yone mangmang, bagolo gotlhe le bana ba ne ba tlala ka serala go e opela le go bina le ene. 

Moletlo wa SOTS o o mo ngwaneng wa bolesome le boraro, o tla tswelela o  ntse o tlhoka kemo nokeng ya Batswana, e le maiteko a go siriletsa le go ipelela ngwao ya Setswana. 

Gongwe sengwe se ba ka se dirang botoka ngwaga o o tlang ke go letlelela batho go tla ka dino, go itsa go nwa metsi le dinno tsididi tsa setso tse di gotetseng. 

Sengwe gape se se ka tokafatsang moletlo o ke go rotloetsa gore o simolole ka nako. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : SEROKOLWANE

Event : Son of soil

Date : 05 Mar 2019