Moroka o tsosolosa ngwao ka poko
13 Sep 2018
E re ka jaana badiragatsi ka bontsi ba dirisa poko go itshetsa, Rre Edwin Moroka ene o dirisa poko go tsosolosa ngwao.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, o tlhalositse fa poko, bogologolo e ne e dirisiwa go tsibosa, go tlhagisa le go ruta setshaba mme maikaelelo magolo e le go gasa molaetsa o o faphegileng.
“Bogologolo go ne go itsewe fa mmoki e le motshegetsi wa kitso, fa sengwe se diragala, mmoki o tshwanetse go kwala ka seo, mme seo se nyeletse ka gore bontsi jwa badiragatsi ba dirisa poko go batla madi.
A re baboki ba bangwe ba nna fela ba sa kwale maboko go gasa molaetsa, mme ba kwala fela nako ya dikgaisanyo tsa ga Tautona di tloga di atumela ka ba batla dikatso tsa teng.
Go ya ka ene, a re mmoki ke motho yo o nnang fela a kwala maboko go sa kgathelesege gore a o batla madi go itshetsa kana jang.
“Serodumo sa poko se ole, ntswa ke sa kgale baboki ba bangwe, nna poko ya me ke e dirisa go tsosolosa ngwao, ka ke lemogile fa ngwao ya rona e nyelela ka bonya,” ga bua Rre Moroka.
O tlhalositse fa poko e le molemo, e fodisa ka jaana fa mmoki a tsena mo seraleng, batho ka bontsi ba aparwa ke monyenyo ka gore poko e itumedisa pelo.
Rre Moroka yo o tlholegang kwa Kanye, o tlhalositse fa a amule botsipa jwa poko mo go rraagwemogolo, yo a mo godisitseng ba nna mmogo kwa masimo.
A re rraagwemogolo o ne a lema ka dipelesa, mme o ne a di boka a ntse a tsweletse le temo, a tlatsa fa lorato la poko lo simolotse gone foo.
O tlhalositse fa rraagwemogolo a rata Setswana mme a ne a mo ruta dithamalakane, maele, meila, diane le mainane.
“Thuto e ke e tsereng mo go rremogolo, ke yone e ntsenyetsang dijo gompieno. Ke tshela ka poko, ke ja poko, ke bua poko, poko ke botshelo jwame.”
O buile fa poko ya gagwe e le ya maemo a ntlha, ka o dirisa diletso tsa ngwao go e tlhabolola.
A re go dirisa diletso tsa Setswana go tlhabolola poko, go dirile gore a rate poko le go feta, a re go dira gore boleng jwa poko ya Setswana bo gole gape bo nne le boleng.
Rre Moroka o tlhalosa fa diletso di tshwana le segaba, segankure, setinkane le katara di dira gore molotsana wa poko o nne monate, mme o gopotse bagolo bangwe bogologolo.
O buile fa gompieno e le mmoki wa popota ka gore poko ya gagwe e kgatlha ba le bantsi.
Rre Moroka yo o ithaopileng kwa seromamoweng sa Duma, o simolodisitse thulaganyo ya Sefalana sa Ngwao le Sekhutlwana sa Bannye.
O buile fa Sekhutlwana sa Bannye se itebagantse le go ruta bana ba ba tswang kwa tlase Setswana, ka o lemogile fa bontsi bo itse sekgoa fela.
A re mo thulaganyong ya Sefalana sa Ngwao, o nna a laletsa baitseanape ba Setswana jaaka Professor Thapelo Otlogetswe, maikaelelo magolo e le go ruta setshaba ka ngwao le ditso.
O tlhalositse fa Batswana ba supa kgatlhego mo dithulaganyong tsa gagwe ka gore batsadi ba kgona go mo leletsa ba mo akgolela tiro e ntle e a e dirang.
“Batsadi ba kgona go nteletsa, bangwe ba nkakgola gore fa e sale ba reetsa dithulaganyo tsa me, maduo a bana ba bone a a tokafala fa bangwe ba letsa ba kopa thuso. Selo se se supa fa ele ruri ke tlisa pharologanyo mo dithutong tsa bana ba dikolo,” ga buar Rre Moroka.
Rre Moroka o tsamaya le dikole a ruta bana ba dikole ka poko le Setswana, a tlatsa ka go re o tlhamile mekgatlho ya poko le Setswana kwa sekoleng se sebotlana sa Tshwaragano le se segolwane sa Bokamoso mo Gaborone.
A re o nna a bitswa kwa seromamoweng sa Botswana mo thulaganyong ya Tshetolo, Dipina le maboko le Masalela go ya go ruta bareetsi ka Setswana.
O bua gore o ne a fiwa tlotla ya monana yo o rotloetsang tsa ngwao le ditso ka 2017, mme seo se ne sa mo tiisa moko le go feta.
A re monongwaga, o ne a sa tsenelela dikgaisanyo tse, maikaelelo e le go fa ba bangwe sebaka mme ka maswabi ga seka ga nna le ope yo o neng a tseneletse kgaisanyo eo.
“Ke tsere tlotla eo ka boitshoko, bopelotelele le lorato lwa me lwa poko. Fa o le mmoki, gore poko ya gago e gole, o tshwanetse wa nna le boitshoko ka bo tsala phenyo,”ga bua Rre Moroka.
O gwetlhile baboki go tshwaragana gore ba tlhabolole poko, gape le go amogana maele a go dirisa poko go itshetsa.
“A re nneng seopo sengwe, re seka ra bonala fela nako ya dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona,” BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leteng Nokwane
Location : MOGODITSHANE
Event : Potsoloso
Date : 13 Sep 2018



