Breaking News

Ikwadisetso ditlhopho e a nametsa

10 Sep 2018

  Mogolwane  mo ofising ya lekgotla le le tsamaisang ditlhopho (IEC) mo kgaolong ya Kgalagadi a re ikwadisetso ditlhopho e tsamaya ka thelelo mo kgaolong eo.

Rre Richard Senthumoleng a re setshaba se ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di nametsang fa e sale e  simologa kgwedi eno e tlhola ga mararo.

O buile mafoko a  mo potsolotsong le BOPA morago ga tshimolodiso ikwadisetso ditlhopho  tsa setshaba tsa ngwaga  oo tlang wa 2019.

Rre Senthumoleng a re ba thapile banana ba ba dirileng mophato wa botlhano   ba le makgolo a mabedi le bobedi mo Kgalagadi  ba ba tlaa bong ba dira tiro ya go  kwadisetsa   setshaba  ditlhopho   le ba le lesome le bone ba ba tlaa bong ba eteletse pele ba ba dithutego tsa Diploma ba nakwana. 

Mogolwane go tswa kwa ofising eo a re e le ba IEC ba  phatlaladitse  badiri bao ba nakwana mo mafelong a ikwadisetso ditlhopho a le masome marataro le botlhano mo Kgalagadi Borwa le a le masome mararo le borataro kwa kgaolong ya Kgalagadi Bokone.  

Rre Senthumoleng  a re  mo loetong lwa gagwe lwa go lekola ka fa ikwadisetso ditlhopho e tsamayang ka teng o itemogetse dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba setseng ba ikwadisitse mo metseng ka bontsi mo kgaolong eo, selo se a reng tsholofelo ke gore ikwadisetso ditlhopho eo  e tlaa tsamaya ka thelelo.

O boletse fa mo nakong ya gompieno dikgwetlho tse ba kopaneng le tsone e le ya motho a le mongwe fela yo o neng a ya  kwa lefelong la  ikwadisetso ditlhopho  ka Omang yo o seng mo tirisong mme ba mo gakolola go potlakela go ya go dira yo mosha pele ga ikwadisetso e tswalelwa.

A re kgwetlho e nngwe   ke gore Kgalagadi  o bophara, le gore ditsela dingwe ga di tsamaege  ka gore ke tsa  motlhaba le gore mo mafelong a mangwe ditlhaeletsanyo  ga di yo  gotlhelele.

 Rre Senthumoleng  o ne a tlhalosa fa  badiri bao ba ba thapilweng  ka nakwana ba thusiwa ka ditente tse ba latsang tlhogo mo go tsone fa bangwe, bogolo jang ba bomme ba thusiwa ka boroko ke badirela puso bangwe  mo matlung a bone kana  a borutelo.

Le fa go ntse jalo, mogolwane go tswa  kwa lekgotleng le le tsamaisang ditlhopho o boletse fa ba ne ba kopana le kgwetlho e tona  e e neng e batla tharabololo ka bonako ya badiri bangwe ba nakwana ba ba neng ba sa batle  go ya go direla kwa mafelong a ba neng ba a tlhophetswe ke ba IEC,   mme bone ba batla go fudugela  kwa go a ba tlholegang kwa go one  bogolo jang ba bomme ba lebile tsa malwapa a bone.

A re mafelo a ikwadisetso ditlhopho a tlaa bulwa tsatsi le letsatsi le ka malatsi a boitapoloso ka Matlhatso le Tshipi go tlhomamisa gore Motswana mongwe le mongwe le ba ba  berekang ba kgone go nna le sebaka sa go ikwadisetsa ditlhopho kwa ba eletsang teng.

Rre Senthumoleng o ne a tlatsa ka go kgothatsa setshaba go dirisana sentle le badiri ba ba kwadisang le gone go ba rotloetsa  go tswelela ba dirisa sebaka se go ya go ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo   tse di kwa godimo kwa mafelong a ba eletsang go ya go tlhopha kwa go one. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Posolotso

Date : 10 Sep 2018