Puso e itlamile go tlhabolola Batswana
21 Aug 2018
Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tsireletso a re puso e itlamile go itebaganya le dikgang tsotlhe tsa go tlhabolola maotshelo a Batswana.
Mme Tshireletso o buile jaana bosheng mo phuthegong ya kgotla kwa Medie, a tlhalosa fa maiteko a tlaa dirwa go oketsa dipalo tsa badiri ba Ipelegeng ka lephata la temo-thuo le tlhalositse fa ngwaga ono e le wa leuba.
O gakolotse gore puso gape e tlaa tokafatsa seemo sa dijo kwa dikoleng tse di potlana, gore ban aba je gabedi ka letsatsi.
A re ele maiteko a go tlhabolola dikgwebo tse dipotlana mo metseng ya magae, dikgwebo tse di potlana di tshwanela go fiwa sebaka sa go ntsha dijo ka mananeo a tshwana a go fa batlhoki le bana ba dikhutshana.
Mo go tse dingwe o gakolotse batsadi ka molao wa kgodiso ya bana wa 2009, a tlhalosa fa bana ba tlhoka tlhokomelo ya batsadi boo babedi.
O kgothaditse batsadi, bogolo thata bommangwana gore ba seka ba kgoreletsa borre go tsaya boikarabelo mo kgodisong ya bana ba bone.
Go ne ga tlhaloswa fa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) e tshwenngwa ke sekoloto sa madi a a fetang P8 000 sa badirela puso ba ba ikgatholosang tumalano ya go duela boroko jwa matlo a VDC.
Morafe o ne wa lebogela puso maiteko le mananeo a tshwana le Ipelegeng, nyeletso lehuma le a mangwe, ba re a thusa go tlhabolola matshelo a banni ba magae, le ntswa a le bonya go diragadiwa.
Le fa go ntse jalo, Mme Tshireletso o gakolotse komiti gore e na le tshwanelo ya go ka sekisiwa le go sekisa, mme ka jalo ba ka tsaya dikgato tsa semololao go seka dikoloto tsa matlo a VDC. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MEDIE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 21 Aug 2018



