Borre lesang go phuaganya bana - Tshireletso
18 Jun 2018
Mothusa tona mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso, o gwetlhile borre go emisa mokgwa wa go phuaganya bana, seemo se se dirang gore bomme ba sale ba imelwa ke morwalo wa go godisa le go tlamela bana.
O buile jalo kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la borre o o neng o rulagantswe ke ba lebentlele la Spar mo Mahalapye ka June 17.
A re bomme ba tlhorontshiwa ke bana ba batla go itse borrabone ba ba senang seabe mo matshelong a bone.
Mme Tshireletso a re seemo seo se dira gore mme le bana ba gagwe ba tshabelelwe ke go fuduega maikutlo a go tshelela mo lelwapeng le phuagantswe ke tlhogo.
Jaaka tlhogo ya lelwapa, Mme Tshireletso o kgotlhaditse borre go rwala boikarabelo jwa go tlamela bana.
“Ratang le go tlhokomela bana ba lona.”
O ne a supa gore borre ba ba sa nyalang le bone molao o ba tlama go tlhokomela bana ba bone.
Le fa go ntse jalo, Mme Tshireletso o supile fa go na le bomme bangwe ba ba itirisetsang madi a a ntshiwang ke borre go tlamela bana, ka jalo a ba tsibosa gore molao o ba tlhomile leitlho.
O ne a lebogela ba Spar go tsenya letsogo mo ditirong tse di thusang go bopa setshaba.
A re tiro ya go ipelela borre e tla jaana letsatsi morago ga letsatsi la Ngwana wa MoAfrica le le itebagantseng le go gopola bana ba batho bantsho ba ba neng ba ganyaolwa ke mmuso wa tlhaolele kwa Afrika Borwa ka 1976.
Mme Tshireletso a re borre ba Spar ba diretse Mahalapye ditso ka go rulaganya letsatsi leo, a tlatsa ka go re moono wa letsatsi la Ngwana wa MoAferika wa monongwaga o gatelela botlhokwa jwa gore ditlhabololo tsa kgaolo ya Afrika di akaretse ditshwanelo le dikeletso tsa bana.
A re ba Spar ba supile fa ba na le seabe se se bonalang mo go sireletseng ditshwanelo tsa bana.
Mme Tshireletso a re lephata la dikgaolo le tlhabololo magae le filwe boikarabelo jwa go tlhokomela bana, ka jalo a re ngwana o na le tshwanelo ya go neelwa lorato le tlhokomelo ke batsadi boo babedi, ba nyalane kgotsa ba sa nyalana.
“Le fa le tlogetswe kana le phuagantswe ke borre ka bana ke kopa gore bomma le emise go bitsa bana maina a a duleng mo tseleng, a a tlhalosang dikgwetlho tsa matshelo a lona.”
Mothusa tona o ne a supa gape gore puso e tshwentswe ke borre ba ba kgokgontshang bana, ba ba dirisa botlhatswa mo go tsa tlhakanelo dikobo.
“Ke kopo ya me mo go lona borre ba le ipopileng, le lwela ditshwanelo tsa bana, gore le rute ba bangwe ba latlhe mekgwa e e bosula e.”
Mookamedi wa Spar mo Mahalapye, Rre Joseph Jankie a re babereki ba borre ba lebentlele leo ba tshwentswe ke borre ba ba sa tlhokomeleng bana, ka jalo ba tsere tshwetso ya go rotloetsa borre go tsaya boikarabelo jwa go tlamela bana.
“Borre go lekanye, emisang go rwesa bomme le puso mokgweleo wa go tlhokomela bana ba lona.”
Rre Jankie a re babereki ba Spar ba borre ba kaile fa se e le tshimologo, ba re ‘go lekanye borre a re simololeng letsema la go tlhokomela bana ba rona’.
Rre Jankie a re babereki ba itshwaragantse le ba lekgotla la Men Sector le le rotloetsang borre go nna le seabe mo go tsa botsogo le tsotlhe dikgang tse di amang matshelo a setshaba go lwantsha dikgwetlho tse di tsalwang ke go tlhoka boikarabelo ga borre.
O ba rotloeditse go kgalemela borre ba ba dirang ditiro tse di sokameng.
Fa a tlhalosa maikaelelo a go rulaganya tiro e, Rre Gopolang Botsie a re ba gwetlhilwe ke gore dikgwetlho dingwe tse di tsweletseng ka go golela pele mo matshelong di tsalwa ke gore borre ba itlhokomolositse boikarabelo jwa bone mo setshabeng.
Rre Botsie a re bontsi jwa bana ba ba sa tsheleng sentle ke ka mabaka a gore borraabone ga ba na seabe mo kgodisong ya bone, ka jalo ba gola ka kutlobotlhoko ba sa itse go bitsa leina ‘ntate’.
O supile gore jaaka go ipelelwa letsatsi la borre jaana, bana ba ba mo seemong seo ba tsena mo kutlobotlhokong ya go ipotsa gore borraabone ba kae gore ba kgone go ipela le bone jaaka bana ba malwapa a mangwe.
O supa gore kutlobotlhoko ya go tlhoka go godisiwa ka lorato ke ntate e dirile gore bana bangwe ba tsenwe ke mekgwa e e sa siamang ya go tlhoka tsebe jaaka go nwa majalwa, go dirisa ditagi fa bangwe ba nn dirukutlhi.
Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefe a re Baebele e e Boitshepo mo lekwalong la ga Genesisi wa ntlha e tlhalosa fa rre e le tlhogo ya lelwapa.
Rre Molefe a re setlhogo sa letsatsi sa “#tlhokomela ngwana wa gago” se rwele molaetsa o o botlhokwa.
A re bomme ba tsere maemo a borre mo malwapeng ka gore ba godisa bana ba le nosi.
O lebogetse ba Men Sector le Spar seabe sa bone sa go kaela borre tsela.
“Basadi le lona ke le rotloetsa go tswelela le rata banna ba lona kana borraalona, le ba fe lorato gore ba lemoge fa ba le botlhokwa.” BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : MAHALAPYE
Event : moletlo
Date : 18 Jun 2018



