Breaking News

Bakgatla ba ga Kgafela ba re Tautona Khama nkokodi

01 Feb 2018

Banni ba kgaolo ya Kgatleng ba kopilwe go nna le tirisano mmogo go baakanyetsa leeto la ga Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama Tlhakole a tlhola malatsi a le lesome le botlhano mo mosong.

Se se builwe ke motshwarelela bogosi jwa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai mo phuthegong ya kgotla mo Mochudi ka Laboraro.

O tlhalositse fa Bakgatla ba tshwanetse go nna seopo sengwe le go tsaya malebela mo metseng e mengwe go direla moeteledipele wa lefatshe ka a tsere sebaka go tla go ba laela fa a tlaa bo a tswa mo setilong.

A re dikgosana tsa metse ya Kgatleng di tlhalositse fa di santse di ithulaganya mme a solofetse phetolo e e molemo pele ga Tautona a goroga mo motseng ka a kopana le bone mo gare ga beke go buisana ka tsa metse.

Kgosi Sekai a re Bakgatla ba lebale ka tsotlhe tse di diragetseng gareng ga bone le puso mme ba tshele botshelo jo bosha jwa go ipaakanya e le morafe.

O kopile Bakgatla go amogela Tautona mo motseng le go mo eleletsa masego le matlhogonolo ka a dirile ga gagwe mme a sutela yo mongwe go tsweledisa fa a emeng teng.

Kgosi Sekai o kopile Bakgatla go tla ka tharabololo ya botlhoka tsebe jo bo mo motseng ka bo tsweletse bo senya motse mme ba ka seke ba ikgatholose se se diragalang.

A re ke nako ya gore Bakgatla ba emise mokgwa wa go itsewe ba le dingalo mme ba dire tse di molemo jaaka go tswa ka ditharabololo tse di ka fokotsang dipolaano, go fokotsa diritibatsi le kwelotlase ya maduo mo dikoleng.

Kgosi Sekai o kopile Bakgatla go mo tlela ka tharabololo ya dipolaano le botlhoka tsebe ka kgwedi ya Tlhakole e le lesome le boferabobedi mo kgotleng gore ba buisane ba dumalane ka tsela e ba ka e tsayang go baakanya motse.

O boletse fa ba komiti ya ditlhabololo tsa motse e le bone ba tlaa amogelang dimpho tsotlhe tse morafe o tlang ka tsone go simolola maabane go fitlhelela e le lesome le bone.

Mothusa modulasetilo wa khansele, Rre Stephen Makhura o tlhalositse fa ba itumelela leeto la ga Tautona le gore ba seka ba kganelwa go ntsha megopolo ya bone fa ba mo laela.

O tlhalositse fa leeto le le raya go le gontsi mo motseng wa Bakgatla ka ba sa bolo go eletsa go mmona a tsile mo kgotleng kgolo ya bone.

A re tsotlhe tse ba ntseng ba eletsa go di bua le Tautona ba tlaa mo lekodisa mo phuthegong ya gagwe la tsamaya sentle mme ba solofela fa a tlaa ba kgwa dikgaba.

Fa a amogela thomo ya kgosi, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Wilfred Lebekwe o tlhalositse fa ba itumeletse leeto la ga Tautona mo motseng wa bone mme ba mo amogela ka diatla tsoo-pedi.

O tlhalositse fa ba tshwenngwa ke dikgang tsa dipolaano, borukutlhi, nnotagi le tse dingwe tse di bakwang ke go bipa mpa ka mabele ga batsadi.

O ba boleletse fa go fitlha diphiri tsa tshenyo le borukutlhi go senya morafe leina ka sengwe le sengwe se se diragalang se diragalela mo matlhong a bone mme ba sa begele mapodisi ka nako gore ba ba tswe thuso.

Fa a tswa la gagwe, monni wa kgaolo, Mme Motsei Molefi o lebogetse Kgosi Sekai go bo a bone go tshwanela go batla tsela ya go fokotsa borukutlhi le botlhoka tsebe ka e le nngwe ya dilo tse di tshwenyang thata mo Kgatleng.

A re go molemo go bona moeteledipele a rotloetsa go boitshwarelo ka Setswana se re go kgoberega ga metsi ke go itsheka.

O kopile setshaba go nna le tirisano mmogo le Kgosi Sekai ka a eme mo boemong jwa go Kgosi kgolo Kgafela mme ba tshwanetse go mo ema nokeng mo ditshwetsong tse a di tsayang. ENDS

Source : BOPA

Author : Miranda Mapotsane

Location : MOCHUDI

Event : phuthego ya kgotla

Date : 01 Feb 2018