Breaking News

Kgosi o batla ESP kwa Motokwe

23 Jan 2018

Motshwarelela bogosi jwa motse wa Motokwe Kgosi Aobakwe Molaole, o kopile gore ba tlisediwe lenaneo la ESP, a supa fa ba le utlwalela mo seromamoweng batho ba le galaletsa ba bo ba le dudueletsa.

Kgosi Molaole o boletse mafoko a, fa a amogela morafe kwa motseng wa gagwe ka Labobedi, a supa fa ba eletsa gore motse wa bone o tlisediwe ditlhabololo ka lenaneo la ESP.

Kgosi o ne a kopa gore ba atumediwe ditlamelo tsa kalafi ka gore kwa ba di bonang teng, kwa motseng wa Kang le Hukuntsi go le kgakala le bone.

O ne a kopa gape fa ba kopa gore ba tokafalediwe kokelwana ya bone, a supa gape fa ba na le letlhoko la mokenti, a tlhalosa fa yo ba mo neetsweng a nna a seyo mme se se ba ketefaletsa botshelo.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Kabelo Bosigo, o ne a supa fa ba na le mathata ka jaana ba sa lema, a supa fa seemo se se dirwa ke gore pula ga e ise e ne kwa motseng wa bone, a bo a tlhalosa fa ba bona fela gore go tlaa dika go le leuba.                                             

Rre Bosigo o tlhalositse fa ba filwe terata go agelela lefuti la matlakala, a bo a tlhalosa fa ba le teratile jaanong sebe sa phiri e le tsela e e yang kwa go lone, a supa fa e sa tsamaege ka e le motlhaba fela thata. O tlhalositse fa mananeo a le teng mme batho ba ba thusitsweng ka one ba le palo-potlana.

O lebogetse ba lekgotla la kabo ditsha la Motokwe, a supa fa le dikile le agetse motlhoki ntlo, a bo a supa fa ba itumeletse tiro eo fela thata.

O boletse gape fa lefelo le ba bonang ditlamelo kwa go lone (service centre) la bone le sa bereke, a bo a kopa gore bogolo ba tlisediwe bodiredi jwa lephata la Omang ka ba le tlhoka fela thata.

O boletse fa ba sale ba solofediwa go agelwa diofisi tsa mapodisi, a bo a supa fa ba ne ba setse ba beilwe setsha sa dikago tseo.

Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Ngaka Ngaka, o ne a tlhalosa fa a tsile go tsaya megopolo mo go bone a e isa kwa palamenteng, go ya go dira ditogamaano tsa ngwaga wa 2018/19.   O ne a tlhalosa fa maiteko a go lema ngogola a ne a le kwa godimo fela thata ka go ne go na le pula e ntsi, mme monongwaga pula e ise e ne.

Mopalamente o ne a tlhalosa fa batho ba Motokwe ba itirela, a bo a ba akgolela maiteko a mantle ao, a supa fa sekai e le mabelo a dipitsi a ba a dirang ngwaga le ngwaga, a bo a ba kopa go tshwara ka thata.

O boletse fa a lwantshitse kgang ya gore batho ba motse oo ba seka ba latela bongaka kwa motseng wa Kang le Hukuntsi, a bo a kopana le tona wa botsogo le boitekanelo ka kgang e, mme a supa fa seemo se tlaa boela mannong. O boletse fa sekole sa Motokwe se wetse tlase mo maduong fa go tshwantshanngwa le a ngwaga wa

2016, a supa fa ka ngwaga wa 2016 se ne se dirile 63.3% mme ka ngwaga wa 2017 se dirile 59.3%.  Rre Selemogo Gaatlale o ne a supa fa ba ngongoregela go amogiwa sekole se segolwane, mme ya re kwa morago ga supagala fa go atolositswe sa Mahupu boemong jwa sone, mme go sena tekodiso epe e ba e filweng.

O supile gape fa ba ngongorega ka batho ba ba tshwarwang ka motokwane, mme e re kwa morago ba bo ba ntshiwa gotwe ga ba na molato go fitlhela lekgotla le ba bona molato, a supa fa se e le poeleo morago ka ba tswelela ba dira molato oo gape. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : MOTOKWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 23 Jan 2018