Breaking News

Dikoloi le ditsela ga di bake dikotsi tsa tsela

10 Dec 2017

Mogolwane wa tsa itshireletso kwa meepong ya Orapa,Letlhakane le Datshaa, Rre George Sehunelo a re dikoloi le ditsela ga se tsone di bakang dikotsi tsa tsela, a tlhalosa gore batho ke bone ba dirang dikotsi.

Rre Sehunelo o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la mafatshefatshe la segopotso sa batswa setlhabelo sa dikotsi tsa tsela o o neng o tshwerwe mo Letlhakane bosheng.

A re maikaelelo a letsatsi le ke go gakologelwa ba ba latlhegetsweng ke matshelo le ba ba boneng dikgobalo tse di masisi, ka ntlha ya dikotsi tsa tsela gammogo le ba masika a bone.

A re dikotsi tsa tsela di ka thibelwa fela fa badirisi ba tsela botlhe ba ka tsaya boikarabelo jwa go e dirisa sentle, ba obamela matshwao a tsela gammogo le go dirisana sentle le badirisi ba bangwe ba tsela.

O tsweletse a tlhalosa gore dikoloi ke dipagamo e seng dibolai, a re badirisi ba tsone ke bone ba dirang gore di bake dintsho.

Rre Sehunelo a re nako tsotlhe fa motho a kgweetsa ka lebelo le le ko godimo, wa ba a laletsa kotsi ya tsela .

A re go botlhokwa gore nako le nako fa motho a tsaya mosepele o ipotse potso ya gore a ke tla goroga ke tshela kana ke babalesegile.

A re dipalo di supa gore batho ba ba amegang thata mo dikotsing tsa tsela ke banana, fa bangwe e le bone ba tshegeditseng itsholelo ya malwapa a bone .

Rre Sehunelo o kopile ba na le seabe botlhe go ema ka dinao go lwantsha dikotsi tsa tsela, ka gore puso ka nosi ga e kake ya kgona seru se, a re se batla go tshwaraganelwa.

A re fa rotlhe reka thibela dikotsi tsa tsela, re ka fitlhelela seelo sa mafatshefatshe sa go fokotsa dikotsi tse di maswe le dikgobalo tse di masisi ka sephatlo ka ngwaga wa 2020.

Rre Sehunelo a re go oketsega ga dikoloi mo ditseleng go na le seabe mo go goleng ga dikotsi tsa tsela.

Mongwe wa batswa setlhabelo, Rre Mogolodi Gosenyamang a re go amega mo kotsing, ga se selo se se motlhofo.

Rre Gosenyamang a re o ne a thulwa ke koloi kgwedi ya Phatwe e fera bobedi ka ngwaga wa 2015, a tlhalosa gore o ne a thanya morago ga beke a ipitlhela a le ko sepateleng sa Mahalapye.

A re ga go motlhofo go ikamogela morago ga kotsi a tlatsa ka gore bonalebogole ga bo monate bona le dikgwetlho.

Rre Gosenyamang a re o senyegetswe ke tiro ka ntlha ya kotsi.

O ne a supa gore dikotsi tsa tsela segolo jang tsa go thulwa ga batsamaya ka dinao, di dintsi mo Letlhakane, a rotloetsa ba tsamaya ka dinao gore ba ipabalele ba seka ba re dikoloi di a ba bona.

O ne gape a gwetlha bakgweetsi gore ba seka ba nwa bojalwa ba kgweetsa ka jaana ba ka ba ka dikotsi.

E rile amogela baeng, Kgosi Baruntshi Kegapetswe a supa fa a sa itumelela go tlhoka go tsibogela ditaletso tsa mofuta o ga banni ba motse, lentswa go tsisa molaetsa ko go bone.

Kgosi a re batho ba ba amilweng ke dikotsi ba ba bantsi mo Letlhakane, ka jalo o ne a solofetse gore ba tla a tshologela moletlo o. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LETLHAKANE

Event : Segopotso Sa Batswa Setlhabelo Sa Dikotsi

Date : 10 Dec 2017