Breaking News

Makhanselara a Borwa a akgola Tautona Khama

29 Nov 2017

Makhanselara a Borwa a sa tswa go akgola Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama go bo a tlaa bo a rola marapo a neela Rre Mokgweetsi Masisi ngwaga o o tlang ka kagiso le bopelotheri.

Makhanselara ba buile ka bongwefela jwa pelo kwa dipusanyong tsa khansele tse di tsweletseng mo Kanye beke eno.

Mokhanselara wa Moshana, Rre Eric Chelenyane o eleleditse Tautona Khama masego le matlhogonolo, a bolela fa a tlaa tlogela go sena tshololo ya madi kgotsa madubedube ape mo Botswana.

O boletse fa a tlogela lefatshe mo ledulong le le siameng.

Mokhanselara wa Pitsane, Rre Lazarus Ncube a boletse fa Tautona Khama a tlogela ka kagiso, go sena tsapa le fisang pelo. O mo lebogetse go dira ka mowa o o siameng.

Mokhanselara Ben Lebogang la re Tautona Khama o ganeditse kgang e e neng e buega bogologolo, bangwe ba re o tsile go ganelela mo setilong.

Mo dikakgelong tse dingwe, mokhanselara wa Diboto kwa Moshupa, Rre Olebogeng Sethibe o ngongoregile ka go re modulasetilo wa khansele, Rre Alec Seametso ga a a bua sepe ka kokelo ya Moshupa gore e tsamaya fa kae go agwa.

Rre Sethibe gape o kopile gore ba lekodisiwe ka tiro ya go goga metsi go tswa bokone go ya borwa, gore e bokgakala bo kae ka gore metse e mentsi mo borwa e mo lenyoreng.

O ngongoregile ka botlhokatsebe jwa banana, a bolela fa bo dirwa ke go tlhoka ditiro mo go golelang pele.

Mokhanselara Diana Mokhube wa Hebron o ne a gatelela gore go thusiwe bananyana ba motsana wa Marojane kwa kgaolong ya Borolong, ba ba tsamayang sekgala se seleele ba ya sekoleng kwa Hebron.

O ba kopetse khombi gore ba isiwe sekoleng, mme makhanselara mangwe ba ne ba ganana le ene ba bolela fa metse e mengwe e thusiwa ka dikara tsa ditonki go isa bana sekoleng.

Mokhanselara wa Marapalalo mo Kanye, Rre Kabelo Lemme o kopile gore go dirwe madirelo a a tlaa dirang le dijo tsa naga le maungo a tlholego go rekisiwa go dira mebereko.

A re di-tsa tlholego jaaka morula, mogorogorwane, mmilo, moretlwa le mmupudu di ka dira dinotsididi.  

O kopile gore makhanselara ba agelwe metlobo ya dibuka gore le bone ba nne ba bala ba batlisisisa.

O ngongoregetse go ima ga bana ba dikole le gore ba-na-le bagole ga ba a kwadisiwa botlhe mo kgaolong.

Mokhanselara Mosekisi Rangobane wa Ntsweng mo Kanye, o ngongoregile ka ditlhwatlhwa tsa Botswana Agricultural Marketing Board, a bolela fa di le kwa godimo.

O bolela fa dinawa jaanong di digilwe madi.

Bontsi jwa Makhanselara ba ngongoregile ka letlhoko la metsi mo dikgaolong tsa bone, ba kopile gore ba water utilities ba ititeye ka thupana. BOPA

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Kanye

Event : Phuthego ya khansele

Date : 29 Nov 2017