Breaking News

Itshidilo tsela ya boitekanelo

29 Nov 2017

Banni ba Makakatlela le badiri ba kokelwana ya bone le ya Mochudi Clinic 2, ba ne ba tshwere moletlo wa go supa fa itshidilo mmele, thuto ya tsa botsogo le itlhatlhobelo malwetse e le tsela tsa boitekanelo.

Fa a bua kwa moletlong oo ka Labobedi kwa sekoleng se sebotlana sa Ntshinoge, moeteledipele wa dikokelwana le dikokelo mo Kgatleng, Mme Ellen Rannoba o boletse fa go le botlhokwa go rotloetsa boitekanelo mo matshelong a batho, ka ba tshwanelwa ke go itse ka botsogo jwa bone le go itlhokomela.

O boletse fa boikarabelo jwa botsogo bo le mo diatleng tsa mongwe le mongwe ka bo ama batho botlhe, mme a tlhalosa fa go bo tshwaraganela go ka tsisa pharologanyo e tona ka tirisano mmogo e le molemo.

A re lephata la botsogo le bone go tshwanela go tsenya mogatla wa boitekanelo mo lephateng go nna lephata la botsogo le boitekanelo, e le tsela nngwe ya go rotloetsa setshaba go itlhokomela le gone go itshidila mmele gore ba kganele malwetse.

Mme Rannoba o kopile setshaba go tsamaya ka dinao fa ba tsaya mesepele e mekhutshwane, ka le gone e le tsela nngwe ya go itshidila, a tlatsa ka go re go tsamaya ka dinao metsotso e le masome a mararo go ya go oura, go dira pharologanyo e ntsi mo mmeleng wa motho.

O kopile banni go dira ditlhopha tse di ka kopanang kwa lefelong le ba le dumalaneng, go itshidila mmele le gone go abelana thuto ka dijo tse di siameng go ka kganela malwetse a a sa tshelanweng jaaka bolwetse jwa sukiri, madi a matona le jwa pelo.

Mme Rannoba o kopile setshaba go ja dijo tse di nang le dikotla, tse di sa tsenyeng malwetse, a tlatsa ka go re ba je dijo tsa Setswana, ka di sena mahura a mantsi, gape ba seka ba ja sukiri e ntsi ka e baka malwetse a a sa tshelanweng.

O rotloeditse banni go nwa metsi a selekanyo sa dilithara tse pedi kgotsa go feta ka letsatsi, ka metsi a le botlhokwa mo mmeleng, a tlatsa ka go re go tlhoka metsi mo mmeleng go kgona go felela go gapile botshelo jwa motho.

Mookamela baoki mo kokelwaneng ya Makakatlela, Mme Kefilwe Rowland-Disele o tlhalositse fa moletlo o, e le tsela ya go abelana kitso le go tsisa ditlamelo kwa morafeng, ka bangwe ba etela dikokelo fela fa ba setse ba lwala mme gatwe thibelo e botoka go na le kalafi.

O kopile setshaba go etela dikokelwana nako le nako go itlhatlhobela malwetse ka go farologana, e le tsela nngwe ya go ka thusa puso go fokotsa dipalo tsa balwetse le madi a a dirisiwang go reka melemo.

Mme Disele o rotloeditse ba ba leng mo moletlong go tswelela ka go gasa molaetsa, gore batho ba emele botsogo jwa bone ka dinao, a tlatsa ka go re kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa.

Mothusa Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Ntshinoge, Mme Deborah Phiri o boletse fa e le maikaelelo a puso go nna le tshaba e e tsogileng e bile e itekanetse, mme go tshwanela gore setshaba se thuse puso maitlamo a sone.

O kgothaditse banni gore ba itlhokomele, mme e bile ba tsoge mo moeng le mo ditlhaloganyong.

Fa a leboga, Kgosi Robert Tshukudu wa Malotwana, o lebogile ba botsogo le dikomiti tsa ditlhabololo go bo ba bone go tshwanela go tsisa ba botsogo mo morafeng, go ruta le go ba rotloetsa go tsaya botsogo jwa bone ka tlhoafalo.

O rotloeditse setshaba go tsaya dithuto tse ba di filweng ka tlhoafalo gore ba iphemele. BOPA

Source : BOPA

Author : Miranda Mapotsane

Location : Mochudi

Event :

Date : 29 Nov 2017