Borre ba maoto a tshupa - Tshipe
19 Nov 2017
Kgaolo -potlana ya Mahalapye le lefatshe ka bophara di na le kgwetlho e tona ya go leka go lwantsha mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS.
Mafoko a, a builwe ke Kgosi Tshipe Tshipe wa Mahalapye mo thuto-puisanyong ya malatsi a mabedi e rulagantswe ke lephata la bong le komiti ya borre ya kgaolo potlana e e itebagantseng le twantsho le thibelo mogare ya HIV mo Mahalapye bosheng.
Kgosi Tshipe a re nako e tsile ya gore baruti gammogo le ba bogosi ba eme ka dinao go bona gore ba lwantsha kanamo ya mogare wa HIV ka go bua le morafe.
A re dikgosi, baruti, baeteledipele ba motse gammogo le maphata ka go farologana ba kgaolo ba tshwanetse go ema ka dinao go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV.
O ne a akgola komoti ya borre ya kgaolo-potlana ya Mahalapye go bo ba bone go dira thuto-puisanyo eo, ka dipalo di kaile fa borre ba le maoto a tshupa fa go tla mo go itlhatlhobeleng malwetse.
Kgosi Tshipe a re le fa go ntse jalo tiriso ya sekausu e ile tlase thata mo setshabeng, ke ka moo dipalo di supang fa mogare wa HIV o golela pele, bogolo jang mo kgaolong ya Mahalapye.
A re sekausu tsa borre ga mmogo le tsa bomme ga di sa tlhole di dirisiwa ka fa go tshwanetseng ka teng, ka jalo bone e le baeteledipele ba morafe ba tshwanetse go ema ka dinao go bona gore dithuto di tsena mo bathong.
O ne a tlhalosa gape gore e le botsadi ba tshwanetse go ema ka dinao go bona gore dithuto tsa tlhakanelo dikobo di tsena mo baneng ka go supafala fa bana e le bone ba tshabelelwang ke go tsenwa ke mogare wa HIV.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : MAHALAPYE
Event : thuto-puisanyo
Date : 19 Nov 2017






