Breaking News

Go kwadisa ditsha go kwa tlase kwa Kweneng

16 Nov 2017

Go tlhalosiwa fa go kwadisa ditsha mo kgaolong ya Kweneng go le kwa tlase fela thata, go supiwa fa go tsamaya kwa go 36.6 per cent.

Modulasetilo wa lekgotla le le botlana la kabo ditsha la Molepolole, Rre James Ellard, o tlhalositse fa mangwe a mathata a ba a itemogetseng e le gore batho bangwe ba ipeile fela bogolo jang kwa Mogoditshane, a supa fa bangwe ba ne ba rile ba rekisa ditsha tsa bone ka ntlha ya go palelwa ke go di tlhabolola, mme e re fa ba ba solofeditseng go reka ba sena go di tlhabolola ba bo ba aja semenogane, fa bangwe ba utswile ditsha tsa ba bangwe.

Mogolwane go tswa kwa lekgotleng le le botlana la kabo ditsha la Letlhakeng, Mme Doreen Kenaleeng, o ne a supa fa setlankana se se neng se dirisiwa sa ntlha se ne se sa diririsiwe go adima madi kwa bankeng, mme sa gompieno motho a kgona go adima madi ka sone.

O supile fa ka nako e e fetileng, e ne e re fa batho ba tseelwa lefatshe, go bo sa lebelelwe boleng jwa lefatshe le le foo, mme gompieno dilo tseo di tlaa lebelelwa.

Mme Kenaleeng o tlhalositse gape gore ga go letlelelwe batswakwa go rekisediwa lefatshe, a supa fa le tshwanetse go bapadiwa malatsi a le masome mararo pele ga batswakwa ba ka le rekisediwa.

Mokhanselara wa Ngware, Rre Selatlho, o ne a supa fa ba itumelela go rerisiwa ka diphetogo tse di tlaa diragalang kwa makgotleng a kabo ditsha, a supa fa go tlaa ba thusa go bolelela morafe boammaaruri e seng go leka go ba itumedisa.

O ne a supa matshwenyego a batho ba ba nnang kwa mafelong a a sa kwadisiwang ka fa molaong, a supa fa ba tlaa amega ka nako ya ikwadiso ditlhopho.

Modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng e bile e le mokhanselara wa Takatokwane/Dutlwe, Rre Tlotlo Batlhophi, o ne kopa ba kabo ditsha go fefogela go tsibosa setshaba fa go na le diphetogo kwa lekgotleng, a supa fa mo nakong ya gompieno go lemotshega fa go sa letlelelwe gore motho a fetisetse setsha sa gagwe kwa go yo mongwe fa se le sengwe fela, mme setshaba se sa itse se.

O ba kopile gape gore ba ne ba kopa batho ba ba kgakala le ditlamelo go ikagela matlo a Setswana fa ba sena go fiwa ditsha, a supa fa mo nakong ya gompieno bangwe ba kgona go nna fela ba sa ikagele ba re ba letile gore ba agelwe ke puso.

Le fa go ntse jalo, go supagetse fa metse ya Letlhakeng, Serinane le Ditshegwane e le yone e di gogang kwa mogatleng mo go kwadiseng ditsha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Nov 2017