Breaking News

Ditagi di a tshwenya - Ralotsia

06 Nov 2017

Tona wa tlhabololo temo-thuo le dijo gape e le mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Patrick Ralotsia a re ditagi di a tshwenya mo dikoleng.

Rre Ralotsia o buile mafoko a kwa moletlong wa kabo dimpho kwa sekoleng se sebotlana sa Ketlogetswe Memorial mo Kanye bosheng.

A re  ditagi ka go farologana di tshwenya barutabana mo  e bileng ba tshaba bana, a re ba re fa ba otlhaya bana batsadi bangwe ba ba palamela ditanka.

Rre Ralotsia a re dingwe tsa ditagi tse gatwe di dirwa ka boloko jwa setho, a tla a re mathata a mantis a kwa sekoleng se segolo sa Seepapitso mme bana ba Ketlogetswe  fa ba fenya ditlhatlhobo.

O rotloeditse barutabana gore ba emele thuto ka dinao ba se ka ba fela pelo. Le fa gontse jalo o ne a kgothatsa bana go ithuta ka tlhoafalo ba bo ba reetse se batsadi le barutabana.

Sekole se se butswe ka 2011 mme ngwaga o se tlaa bo se alosa mophato wa bosupa e le wa botlhano.

Fa a amogela baeng, mogokgo wa sekole seo, Rre Oscar Leatso o ne a re o ne a bolela fa sekole seo se na le baithuti ba le magaring ga makgolo a fera bobedi le makgolo a fera bongwe.

A re ba dirile moletlo wa kabo dimpho e le go leboga baithuti, barutabana le badiri ba sekole seo ba ba dirileng  ka botswa-pelo.

O bile a re kgaolo ya borwa e na le maikaelelo a go tsholetsa thuto.

Kgosi wa Mafhikana, Rre Daniel Mosiele e rile a ntsha mafoko a tebogo a kopa batsadi go tsibogela dipitso tsa barutabana ka dinako tsotlhe.

Kgosi Mosielele a re bana ba gompieno ba tsena sekole ba le bannye thata, ka jalo go botlhokwa gore barutabana fa ba  bitsa batsadi ba tsiboge ka bofefo.

A re fa batsadi ba ya sekoleng ba abo ba ya go utlwa botsogo le bokoa jwa bana.

O kopile bana go reetsa batsadi a bo a ba bolelela gore fa ba gola ba ya go kopana le dikgwetlho.

Rre Mosielele o boleletse bana gore dikgwetlho tse ke tse batsadi ba sa batleng ba kopana le tsone, a bo a ba kgothatsa gore ba iphaphe mo dilong tse bomogoloabone ba di dirang  jaaka ditagi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Kabo Ya Dimpho

Date : 06 Nov 2017