Dipalo tsa ba-lwala tlhaloganyo di a tshwenya
05 Nov 2017
Mooki wa botsogo jwa tlhaloganyo e bile e le moithaopi wa lekgotla la Fokotsa Dino, Mme Melitah Kabelo a re dipalo tsa batho ba ba lwalang tlhaloganyo di golela pele.
Mme Kabelo a re dipalo tsa borre mo bolwetsing jo, di kwa godimo go na le tsa bomme.
O buile jaana kwa thutopuisanyong e e neng e rulagantswe ke lephata la bong kwa Serowe bosheng.
Thutopuisanyo e, e ne e bua ka dikgang tse di amang borre le ngwana wa mosimane e bile e le nngwe ya ditiro tsa matlhagolela tsela letsatsi la mafatshefatshe la borre le le ketekwang lefatshe ka bophara Ngwanatsele a le 19, mme monongwaga le tlaa ketekwa mo Botswana Nagwanatsele a le 17 kwa Serowe.
Mme Kabelo a re go tswa bogologolong, ngwana wa mosimane o ne sa tshwarwe jaaka wa mosetsana, go na le dikgang tsa gore ngwana wa mosimane ga a lele.
Tiriso ya ditagi di tshwana le bojalwa, motokwane le cocaine le ka fa di amang botsogo jwa motho ke dingwe tsa dikgang tse di neng tsa tshotlhwa kwa bokopanong joo.
Mme Kabelo a re ditagi tsa go nna jalo di borai ka gore dingwe di sutlha tlhaloganyo mo o fitlhelang motho a sa itse gore o letse a dira eng kae le bomang.
A re maduo a bana a wela tlase kwa dikoleng ntateng ya diletso kwa malwapeng a go apewang majalwa kwa go one.
A re seemo se se baka gore ngwana a tlhole a otsela kwa sekoleng mme a seke a sele sepe le fa morutabana a ruta.
O kopile batsadi go ela bana tlhoko ka gore bangwe ba kgona go apaya borotho ba tsenya motokwane mme ba bo rekisetse ba bangwe.
A re mo gongwe e a re bana ba sena madi go reka ditagi ba felele ba senyetsa batsadi ka go rekisa dithoto tsa bone gore ba bone madi a go reka ditagi mme se, se ame itsholelo ya mo malwapeng le yone ya lefatshe tota ka gore malwapa a mangwe a felela a tlhoka go bo go tlama puso go a tlamela.
A re ditagi tse di na le ditlamorago tse di sa siamang jaaka go lapa mo go tseneletseng le tlhogo e e opang.
Mme Kabelo a re bojalwa bo tlhotlha metsi mo mmeleng mme seo se babalele diphilo.
A re bojalwa bo latlhisa motho kelelelo fa mo go borre bo kgona go ama maikutlo a gagwe mo go tsa tlhakanelo dikobo, se se feletse se tsosa kgotlhang mo lwapeng.
Bomme ba ba dirisang ditagi bone a re ba kgona go felela ba tlhoka thari.
A re bangwe borre ba nwa ditagi tse ba reng di ba fa maatla mo tlhakanelong dikobo mme ba felele ba itseela dikobo ka dikgoka ba bo ba ya kgolegelong bana ba bo ba sala ba sotlega go sena yo o ba tlhokomelang.
Mme Kabelo a re nnotagi e isa itsholelo ya malwapa le seriti sa motho kwa tlase ka gore motho o tlaa bo a sa tlhokomele bana.
A re bomme ba ba inaakantseng le ditagi ba tshola bana ba ba nang le bogole fa gongwe sekale se le kwa tlase. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : SEROWE
Event : Thuto Puisano
Date : 05 Nov 2017






