Breaking News

Tseo konokono

05 Nov 2017

Tona wa thuto e kgolwane, dipatlisiso, boranyane le boitseanape, Rre Alfred Madigele a re go aga tshaba e e nang le maikarabelo e bile e utlwana go simologa kwa lwapeng.

Dr Madigele yo gape e leng Mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang, o tlhalositse jaana bosheng kwa Lorolwane fa a kgothatsa banyalani ba ba neng ba nyalana ka lenaneo la Re a Nyalana.

Dr Madigele o a re lenyalo le, ga se la dipampiri fela, le le dirilweng mo dinaong tsa Modimo fela jaaka le Baebele e tlhalosa gore bobedi bo tlaa kopana e nna motho a le mongwe.

O ne a tlhalosa gore e le bogogi ba dumela fa go tlhabolola tlhaloganyo ya motho go ka ba isa golo gongwe.

Le fa go ntse jalo, molomaganyi wa lenaneo la Re a Nyalana kwa Mochudi, Mme Annah Morwaagole a re tiro ya bone  ke go ruta Batswana, go ba fa bogakolodi jwa gore lenyalo ke eng.

A re ba itebagantse gape le go ruta go tlhokomela bana ba ba fitlhelwang ke lenyalo le go ikatumetsa ngwana o mo tsaya ka molao, o mo tlhokomela jaaka wa gago.

Mme Morwaagole a re ba dirile jaana ba sena go lemoga gore molaodi fa a nyadisa ga a na nako ya gore o ka bodiwa dipotso le mmakaseterata o tiro ntsi.

Mme Morwaagole o rotloeditse ba ba neng ba le koo go akola mananeo a puso ka gore ke a mongwe le mongwe.

A re le setlankana sa lenyalo se supa fa ngwana yo o dingwaga tse di masome mabedi le bongwe a lekane go nyalwa, fa yo o dingwaga tse di lesome le boferabobedi a ka supelwa ke batsadi.

Mmakaseterata yo mogolwane wa Kanye, Rre Bame Ngaka fa a tlhalosa ka ditshetlana tsa botlhokwa.

A re fa motho a tsena mo lenyalong la tlhakanelo dithoto o tshwanetse a itse gore go dira jalo  bobedi bo tsena mo seemong se se tshwanang go sa kgathalesege gore  mang o dira eng  mo botshelong.

O tlhalositse gore se, se ka thusa gore bobedi bo kgone go akantshanya bo thusana ka megopolo go gaisa fa yo mongwe a akanya a bo a tsaya ditshwetso ka bonosi.

Rre Ngaka a re o lemogile gore le fa batho ba ka tswa ba utlwana mo lenyalong, mme fela dithotho di botlhokwa ka gore fa yo mongwe a sa di dirise sentle o kgona go felela a bolaya kutlwano e e mo gare ga bone.

Rre Ngaka a re o lemogile gore dikgwetlho tse di tsisiwang ke dithotho di dirwa ke go tlhoka tirisano mmogo.

Fa a ama dikgang tsa bana, a re fa o na le ngwana kwa ntle ga lenyalo o kgona go mo kwala mo pampiring ya gago e o kgaoganyang boswa jwa gago o santse o tshela mo go yone (Will) gore a nne le sebaka sa go fiwa boswa fa motsadi a tlhokafala.

O tlhalositse gore mme fa motsadi a sa dire jalo, ngwana yo, o a go ronwa ke ditshwanelo tsa gagwe ka gore boswa jwa motsadi wa gagwe bo ya go ajwa ka fa tsamaisong ya Setswana a sa akarediwe.

Le fa go ntse jalo, o tlhalositse gore borai jwa go kgaoganya boswa o tshela ka one mokwalo ke gore fa o bontsha ene yo o mo kwadileng o kgona go go sutisa mo botshelong fa a bona go diega gore a kgone a akole boswa.

Rre Ngaka o tlhaloseditse banyalani gore go na le molao o o letlang gore fa motho kana bobedi bo sena ngwana bo ka tsaya ngwana go sa kgathalesege gore wa letso le fe mme ba mo ikgodisetsa jaaka wa gagwe.

Le fa go ntse jalo, Rre Ngaka a re pele ga motho a tsaya ngwana ba ga molaodi ba kanoka seemo sa gagwe gammogo le kwa lapeng gore a mme go tlaa siamela ngwana.

A re mo Setswaneng fa o fitlhela bana ba godile go na le thulaganyo ya gore o ka ba ikatumetsa ka thulaganyo ya go nyala bana.

O tlhalositse gore fa ba batla thuso ka ditsamaiso tse ba ka ikopanya le ofisi ya ga molaodi, Legal-Aid, mmakaseterata, le ofisi ya kwadiso kwa kgotleng kgolo ya ditsheko, mme motho a tla ka Omang fela ka ga go na tuelo e a e lopiwang.

Kwa bokhutlong mokhanselara wa Lorolwane, Mme Binkie Moalosi o lebogetse botsadi jo bo neng jwa tla go fa banyalani thutho le dikgakololo mo kgolaganong ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mphoyaone Mothibi

Location : LOROLWANE

Event : Re a Nyalana

Date : 05 Nov 2017