BMC e tlhaelelwa ke dikgomo
29 Oct 2017
Barua-kgomo ba rotloeditswe go tsisa dikgomo ka bontsi kwa matlhabelong a Botswana Meat Commission (BMC).
Se se builwe ke mogolwane wa BMC, Rre Kenneth Makubate jaaka a ne a bua maloko a Ntlo ya Dikgosi fa ba ne ba etetse madirelo a BMC kwa Lobatse.
Rre Makubate a re mo ngwageng o, palo ya dikgomo e wetse tlase morago ga dipula tse di bokete tse di neleng ka Tlhakole, a tlhalosa gape gore kwelo tlase e nnile ka jaana Botswana a ne a tswa mo leubeng mo dingwageng tse di fetileng.
O ne a tlhalosa fa dikgomo di ne di bopama morago ga leuba le tsone dipula.
Rre Makubate a re ka jalo ba feletse ba tlhaba dipalo tse di kwa tlase go na le tlwaelo.
O boleletse maloko a Ntlo ya Dikgosi gore mo ngwageng o go simolola ka Firikgong go fitlha ka Lwetse, BMC mo Lobatse e tlhabile dikgomo di le 65 956 go tshwantshiwa le palo e e fetang 80 000 ya ngogola ka nako yone e; fa kwa Francistown gone dipalo di le mo go 11 669 go tshwantshiwa le 28 000 wa ngogola, mme kwa Maun gone go tlhabilwe 18 642 go tswa kwa go Firikgong go fitlha Lwetse monongwaga.
O ne gape a kopa gore barua-kgomo ba inaakanye le methale e mesha e e tlhabologileng ya go rua dikgomo, a re seo se ka ba kgontsha go ntsha le go rekisa dikgomo tse di nang le boleng e bile di le mo seemong se se siameng se se batlegang kwa mmarakeng wa Europa.
Rre Makubate a re e le ba BMC ba reka dikgomo tse bontsi di seng mo seemong se se batlegang mo mmarakeng, ka jalo ba patelesega go ka di tlhatlhela pele ba di tlhaba gore ba di fe tlhokomelo e e lebaneng.
A re thulaganyo e, e a tura e bile e tsaya sebaka ka jaana di nna dikgwedi di le tharo di santse di le mo tlhokomelong.
Rre Makubate o ne a kopa maloko a Ntlo ya Dikgosi gore ba rotloetse barua-kgomo gore ba rekise dikgomo tsa bone kwa BMC.
A re seo se ka ba fokoletsa mathata a go nna ba ngongoregetse ruri ka batho ba ba tsietsang ba sa ba duele.
E re ntswa ba nnile le dikgwetlho mo dingwageng tse di fetileng ba duela barui morago, Rre Makubate a re jaanong seemo se tokafetse e bile BMC ga e je Motswana ntsoma. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : LOBATSE
Event : Loeto la Ntlo ya Dikgosi
Date : 29 Oct 2017






