Malope o bolotsa letsema
26 Oct 2017
Kgosikgolo wa Bangwaketse, Kgosi Malope wa bobedi o boloditse letsema.
Kgosi o rebotse morafe go ya go ipeela tema fa pula e phaila.
Kgosi Malope o roletse morafe mafoko a kwa phuthegong ya kgotla kwa kgotleng kgolo ya ga Ngwaketse mo Kanye bosheng.
Kgosi Malope II o bile a gakolola morafe gore go rebolwa ga letsema go raya gore go pegwa le go folosiwa ga ditseo gammogo le ditsheko go tlaa nama go tswaletswe.
O ne a tlhalosa gore ditseo tsa bofelo di tlaa fologa Morule a supa, mme di bulelwe tsotlhe le ditsheko ngwaga o o tlang Hirikgong a tlhola malatsi a le lesome le botlhano.
Kgosi Malope o ne a sa kgale mathe mo ganong fa a galaletsa morafe wa gagwe ka dikgafela tsa monongwaga, a supa a ne a di nyoretswe thata.
A re o ipelafatsa ka dikgafela tse, a tlatsa ka go re di mo dirile motlotlo.
A re di kgatlhile leitlho la bontsi lefatshe ka bophara, selo se a reng se a mo tlotlomatsa.
Kgosi o ne gape a kopa gore se e nne selo modiro mo ga Ngwaketse, ba tshware fela jalo ba tshegetse ngwao ya bone ngwaga le ngwaga go ya pele.
Kgosi Malope II o ne gape a supa gore seemo sa borukutlhi mo Kanye sa banana ba ba tlwaelesegileng ka leina la matsetsenkane ba se emetse ka dinao.
Fa ba akgwa kgosikgolo dikgaba, Bangwaketse ba supa ba itumetse fela thata fa ba tlotlomaditse mong wa bone ka go tsamaisa dikgafela ka matsetseleko le manontlhotlho a magolo.
Mongwe wa batsena phuthego, Rre Tiroyamodimo Sepheko le ene o ne a leboga thata go bo kgosi a itumeletse dikgafela.
A re ba lesego thata go bo ba diragaditse dikeletso tsa kgosi.
Mongwe wa batsena phuthego, Rre Walebatla Wadipitse ene o ne a lebogela segolo bogolo go bo ngwao e boetse.
A re dikgafela ke thulaganyo ya go kopa pula, fela a tlatsa ka go re di tshwanetse di pataganngwe le merapelo ka pula e rebolwa ke Modimo.
Mme Segametsi Kelosiwang le ene o ne a supa a itumetse, a tlatsa ka go leboga Kgosi Malope go bo a simolodisitse gape ngwao e, e ba ntseng ba e tlhoka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tlamelo Kgelepo
Location : KANYE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 26 Oct 2017






