Phuthego Makwengwe ba abetse Mogome
25 Oct 2017
Mmega dikgang wa maemo a magolwane le mokatisi, e bile e le moitseanape wa tsa kgwele ya dinao, Rre Sefane Phuthego le Rre Phillimon Makwengwe ba abetse sekole se sebotlana sa Mogome motshine o o oketsang dipampiri ga mmogo le inki ya one.
Ba abile mpho eo mo moletlong wa kabo dimpho wa sekole seo bosheng, fa go ne go abelwe bana ba ba dirileng sentle mo dithutong le mo go tsa metshameko go tswa kwa baithuting ba ba baakanyediwa go ya go dira lekwalo la ntlha go fitlha kwa go ba ba neng ba kwala lekwalo la bosupa.
Fa godimo ga moo, Rre Phuthego o ne a aba dibuka tse di kwalelang di le sekete le P500, mme ene le Rre Makwengwe ba supa fa e le maikaelelo a bone go ema sekole seo nokeng ka maikaelelo a go tokafatsa maduo a sone isago.
Mo moletlong oo, sebui segolo, Rre Onalenna Mmati, yo e leng motshwarelela mogolwane mo lekalaneng la dikgwebo kwa Serowe la LEA, one a tlhalosa fa e le mongwe wa baithuti ba sekole sa Mogome, mme a re ga go thona go ntsha bommantswitswidi ba dithutego tsa maemo a a kwa godimo go tswa mo kgaolong eo fela fa baithuti ba itse, ba tlhaloganya e bile ba lemoga botlhokwa jwa thuto.
Rre Mmati o ne a re moono wa letsatsi o o reng 'Rotlhe re ka Kgona' o lebanye ka Setswana se se reng kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa, le one maitlamo a sekole a a reng Fa Keletso e le Teng go na le Tsela.
O ne a supa botlhokwa jwa go tshwaraganela kgodiso ya ngwana ke botsadi le barutabana, ka seo se ka rotloetsa bana go lemoga botlhokwa jwa thuto.
A re sengwe gape ke gore batsadi kwa gae ba nne le kgatlhego mo go thuseng bana tiro ya sekole kwa malwapeng.
Rre Mmati o ne a re go tshelwa mo dinakong tse di thata tse di tlhokang gore motho a ikemela a iphe botlhale gore a kgone go itshetsa ka diatla, a supa fa mo nakong eno go le thata go bona ditiro morago ga sekole, mme a re mananeo a puso a teng batho ba ka a tsaya go itlhamela ditiro le bangwe ka bone.
O ne a kopa batsadi go itse bana ba bone gore go nne le diphetogo mo matshelong a bone ba lemoge seo ka bofefo, pele dilo di ya masweng.
A re thuto fela e le nosi ke tsamma ya sennela ruri ga go na ka fa e ka tsewang mo mothong ka teng.
O ne a gwetlha balekane ba gagwe ba a tseneng le bone ka nako eo go dira dithulaganyo tsa go busetsa moletlo wa boipuso mo serodumong sa one ka go o ketekela kwa kgotleng.
A re ka nako eo ke gone ba kgonang go lekolana sentle le go abelana maele le banana.
Rre Mmati le bangwe ka ene le bone ba ne ba ntsha dimpho go abela bana ba sekole, ga mmogo le ba khamphani ya World Bazaar, ba le bone ba neng ba nna le lefoko la kgothatso.
Kgosi wa Mogome, Rre Balebetse Sesinyi le mohumagadi wa gagwe ba ne ba rotloetsa bana ba ba tsereng matshwao a ntlha le a bobedi ka P100 mongwe le mongwe.
A re o ya go dira fela jalo ngwaga le ngwaga.
Mogokgo Mmadikeledi Ramokununu o ne a supa fa sekole sa gagwe sena le bana ba le 117, mme go le gontsi basimane go na le basetsana.
A re ba simolotse go amogela bana ba ba katisediwang lekwalo la ntlha ka 2014.
A re mo nakong eno ba dira lekwalo la borarao mme ba dira sentle fela thata.
O ne a supa fa maduo a lekwalo la bosupa a tshwenya ka go tsamaya a wela tlase nako tse dingwe a palama.
A re seo ke kgwetlho e ba tlaa itebaganyang le yone ene le barutabana.
O ne a lebogela kemo nokeng ya bana ba ba neng ba tsena mo sekoleng seo ba pele, a re ba tlaa dira phetogo e e tlaa tlogelang letshwao le le sa phimogeng.
Mme Ramokununu o ne gape a supa fa ba ne ba ntse ba le mo tlhokomelong ya ba Motor Vehicle Accident Funds (MVAF) ba jaanong lenyalo la bone la dingwaga tse tharo le tsileng bokhutlong, mme a dira boikuelo mo go ba ba neng ba ba thologile mokgosi gore ba sekaseke ntlha eo ba thuse go tlhokomela sekole.
Moithuti wa pele wa sekole seo, a dira lekwalo la ntlha kwa Radisele JSS, Rorisang Maano o ne a rotloetsa balekane ba gagwe a re thuto e botlhokwa thata mo matshelong a bone ka e ka ba dira se ba ba tlang go nna sone.
Dimpho e ne e le tsa maemo a a kwa godimo, mme maduo ka tshoboko a lekwalo la ntlha a tsewa ke Gofamodimo Mogorosi, lekwalo la bobedi Leboga Phuthego, la borataro Pako Kenyaditswe fa lekwalo la bosupa a tserwe ke Orefilwe Othusitse.
Fa a afa malebo, mokhanselara wa kgaolo, Lesedi Phuthego o ne a seka a salela morago ka go neela bana ba ba neng ba kwala ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa ba le lesome le bosupa P850 go mo kgaogana.
O ne a re go a tshwenya go bona bana ba dira sentle kwa dikoleng tse dipotlana mme fa ba fitlha kwa go tse dikgolwane ba inaakanya le ditiro tse di sa ba lebanang tsa dino-tagi, metokwane le botlhoka tsebe.
A re seo se tlhoka batsadi go ema ka dinao go thusa barutabana fela jaaka ba ne ba dira le kwa dikoleng tse dipotlana.
A re boitshwaro jwa baithuti e nne jo bo letlelesegang go baya motse wa bone mo seemong se se kwa godimo le go o fa serodumo sa maemo a ntlha a go itsewe ka bana ba ba nang le tsebe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : MOGOME
Event : Kabo Ya Dimpho
Date : 25 Oct 2017






