Breaking News

Mothusa tona Kwerepe o akgola badirelapuso

24 Oct 2017

Mothusa tona wa Merero ya Ofisi ya ga Tautona, le Bodirela puso, Rre Thato Kwerepe a re le fa badirelapuso ba lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi jang, ba leke ka bojotlhe go isa ditlamelo kwa bathong.

Rre Kwerepe o boleletse badirelapuso kwa Sowa bosheng gore maduo a a bonala ka ditirelo le ditlamelo di a goroga kwa bathong ka nako le ntswa bangwe ba tlhaelelwa ke didirisiwa le gone ba sena fa ba latsang tlhogo teng tota.

A re badirelapuso ba lebanwe ke go akgolwa ka ba diragatsa thomo ya puso.

O ne a ba kopa go bereka ba le seopo sengwe e bile ba le ngatana le go amogana didirisiwa go isa ditlamelo kwa bathong.

Rre Kwerepe a re bontsi jwa matshwenyego a badirelapuso ke dikgwetlho tse ba ka kgonang go di rarabolola ka bobone, a kopa tirisanyo mmogo ya baeteledipele ba maphata le badiri ka bone.

Gape o ne a kopa badirelapuso go ikgapha mo ditirong tsa tshenyetso setshaba le go amogela dimpho, a re seo se diga itsholelo ya lefatshe.

O ne a kopa badirelapuso go tlogelela mapolotiki polotiki, a re bone tiro ya bone ke go rekisa le go diragatsa mananeo a puso le go bona gore batho ba a bona ka tshwanelo.

Gape o ne a ba kopa go sala melawana e some morago a re ke Baebele ya badirelapuso.

Kgosi Bond Mabalane wa Sowa o ne a lebogela mothusa tona tiro e ntle e a e dirang ya go tsamaya a lekola badirelapuso, a re ke selo se se botlhokwa se se tlaa tiisang babereki moko.

A re puso e na le tsamaiso e e siameng ya mananeo mme selabe se tla le motsaya-kgamelo, a kaya fa puso e latlhegelwa ke dikete tsa madi ka dikgang tsa badirelapuso.

Gape o ne a kopa puso go otlhaya baeteledipele ba go supagalang fa ba nnile le boitseme mo tirong ka go ikgatholosa tiro.

Kgosi o ne a bolela fa toropo eo go nna babereki fela ba nna mo matlong a BHC, a re kgang e e sa ba jeseng di welang ke gore matlo ao mo nakong e e tlang a tlaa bo a duelwa ka seelo sa mo mmarakeng, selo a kaileng fa bangwe ba ka seke ba se kgone.

Badirelapuso ba Sowa ba kopile puso go sekaseka gape toropo eo mabapi le lenaneo la Remote Areas Service Allowance (RASA).

Rre Joseph Nlanda a re go bo Sowa a tlhomilwe toropo ke phoso ka ba mo sekakeng e bile ba kgakala le ditlamelo, mme le madirelo a a teng ditlhwatlhwa tsa dithoto tsa one di kwa godimo.

Rre Nlanda o ne a kopa puso go sekaseka gape lefelo leo go bona gore a ga le a lebaganwa ke go amogedisa babereki bonnye jwa go berekela kgakala le ditlamelo.

Fa a araba mangwe a matshwenyego a, Rre Kwerepe o ne a ba kopa go kwala ba ntsha mabaka ka go ikopela RASA.

O tlhalositse fa lenaneo leo la RASA le neelwa badirelapuso ba mafelo a bone go senang sekontere. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : SOWA

Event : Phuthego ya Badirelapuso

Date : 24 Oct 2017