Tona o ba lekodisa ka molao wa ditsha
19 Oct 2017
Tona wa lephata la merero ya tsa mafatshe a sele, Dr Pelonomi Venson-Moitoi o tlhaloseditse banni ba kgaolo ya Motshegaletau fa Batswana jaanong ba tlaa simolola go roba mo ditsheng tsa bone tsa magae, morago ga paakanyo e e dirilweng ya molao wa ditsha tsa magae.
Tona Venson-Moitoi o supile se fa a lekola morafe wa kgaolo ya Motsheletau e e akaretsang metse ya Sehunou, Motshegaletau le Mabuo kwa Mabuo bosheng.
A re molao wa lefatshe jaanong o baakantswe gore Batswana ba ka kgona go dirisa ditlankana tse disha tsa bone tsa metse go adima madi a go di tlhabolola.
O ne a gakolola botlhe ba ba iseng ba kwadise ditsha go dira jalo ka bofefo jo bo kgonagalang.
O ne a supa fa a tshwenyegile gore go santse go na le batho ba le bantsi ba ba senang Omang, mme a tlhalosa fa palamente e e neng e tsene maloba, e fetisitse molao o o letlelelang botlhe ba senang bo Omang gore ba ka kwadisa fela go sena tsheko kgotsa kotlhao epe.
Ka jalo o ne a rotloetsa botlhe ba ba senang bo Omang go ikwadisa.
O ne a supa fa go na le batho ba ba thapang bana ba dingwaga tse di kwa tlase, a supa fa se e le go gataka ditshwanelo tsa bone le go ba rontsha go tsena sekole.
Fa a amogela tona, Kgosi Ontiretse Godirilweng wa Mabuo, o ne a supa fa go na le bothata jo bontsi jwa tshenyego ya ditsela, e e bakilweng ke dipula tse di dikileng di na.
Kgosi Godirilweng o ne a supa fa ba santse ba sena mokwaledi wa kgotla, a supa fa se se ama tiro ya gagwe thata.
A re ka motse wa bone o le kwa thoko thata, ga o itsege, a supa fa gongwe e le sone se se dirang gore motse wa bone o bo o santse o saletse kwa morago ka ditlhabololo.
A re le fa tona a kile a thusa ka go gokela metsi mo motseng, go santse go na le letlhoko le lentsi la metsi ka motse o setse o atologile.
Kgosi o ne a supa ngongorego ka lephata la kabo ditsha, a supa fa motse o saletse kwa morang mo kabong ya ditsha.
O ne a supa fa motse wa bone o kile wa bo o dira sentle ka bophepha, jalo seo se fetogile ka lebaka la letlhoko la lefelo la matlakala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : MABUO
Event : Kgotla Meeting
Date : 19 Oct 2017






