Breaking News

Ditante tsa ga Kobang mabaibai

04 Oct 2017

E re ka lefatshe le aparetswe ke letlhoko la ditiro, puso e bone go tshwanela go simolodisa mananeo a nyeletso lehuma go tlhamela Batswana ditiro go tsosolosa itsholelo le go fokotsa letlhoko la ditiro.

Ga se ba le bantsi ba ba amuleng mananeo a, ka ba na le dipelaelo tsa gore ga ba na go tswela le go nyatsa gore a ka ba berekela, mme ba ba a sotseng molemo ba tsweletse ka go dira bontle mo dikgwebong tsa bone.

Mongwe wa ba ba tsweletseng ka go godisa le go dira ka natla mo kgwebong ya mohuta o ke Mme Mpho Kobang wa kgotla ya Makakatlela mo Mochudi yo o hirisa ditante mo manyalong le meletlo e mengwe mo metseng.

Mme Kobang wa dingwaga tse di masome matlhano le borataro o supile fa dingwaga di sa amane gope le kgwebo ka go dira tiro ya gagwe ka matsetseleko a ngokileng ba le bantsi go dirisa kgwebo ya gagwe le gone go ya sekoleng go ithutela go dira mekgabisa ya ditante.

O boletse fa a ne a ya go ithuta go kgabisa ditafole le ditilo ka 2013 kwa Bokaa gore a tsene mo kgwebong a itse se a se dirang mme ka 2014 a fiwa ditlankana le didirisiwa tsa go simolola kgwebo.

A re o filwe tante ya 10x20m e e tsenyang batho ba le 250, ditilo tse 100, ditafole tse di lesome le bobedi (12), dintshwana, diforoko, dithipa, matsela a ditilo le ditafole le tse dingwe fela jalo.

Go ya ka Mme Kobang, bonnye jo a bo filweng bo ne bo sa lekana go simolodisa kgwebo ka go ne go sena didirisiwa tse dingwe jaaka moalo fa dithipa le diforoko di sa lekane ditafole mme a seka a ipona tsapa ka Setswana se re phokoge go tshela yo o dithetsenyana, a tswa ka maano a go tswelela le kgwebo.

O tlhalositse fa a ne a adima didirisiwa tse mo bagwebing ba ba setseng ba simolotse kgwebo gore a kgone go thusa bareki ba gagwe ka nako le mororo a ne a latlhegelwa ka a ne a duelela didirisiwa tse fa a di adimile.

Se ya seka ya nna phelelo ya kgwebo ka a ne a ipeela dibuka tsa kgwebo go bona tiriso ya madi mo go neng ga mmolokela kgwebo ka a ne a kgona go ipeela madi mme a kgona go a dirisa go ithekela didirisiwa tse a di tlhokang.

“Mokoduwe go tsosiwa o o itekang,” ya nna one mafoko a a letsang molodi mo ditsebeng tsa ga Mme Kobang fa kgwebo e setse e mo gogobisa ka mangole, a sa itse kwa a ka lelelang teng go bona thuso ya potlako.

A re o kgonne go reka lere, moalo, kgomo tse pedi, ditilo tsa setsha le go ikagela ntlo e a gotsetsang molelo mo go yone kwa masimo ka kgwebo ya gagwe ya go hirisa ditante le go thapa banana ba le bane, basimane ba le bararo le mosetsana gore ba kgone go mo thusa.

A re le ntswa a tsweletse mo kgwebong e, o na le kgwetlho ya koloi mme o tshepha gore kgwebo e tlaa mo tsenyetsa madi a a ka kgonang go e reka mo nakong e e sa fediseng pelo.

Mme Kobang o tlhalositse fa a setse a tlhalefile batho ba ba sa mo dueleng sentle mme a setse a ba tswetse ka leano la go tsaya madi pele a ka folosa dithoto mo koloing go itsa gore a berekele a e fofe.

A re go botlhokwa thata go nna le karata ya kgwebo e ka yone a bapatsang kgwebo mo setshabeng mme e bile e fefosa ditiro tsa kgwebo ka e na le nomoro ya mogala.

O rotloeditse setshaba go ikopela dithuso kwa go molaodi le bo mmaboipelego fa ba sa itse gore ba ka dira jang ka kgwebo gore ba tle ba kgone ba ba thuse go rarabolola dikgwetlho tse ba nang le tsone le gore ba seka ba boifa go ikisa diofising go kopa thuso.

Mme Kobang a re batho ba tshwanetse go dira se ba bonang se ka ba solegela molemo mme e bile ba se rata e seng ba dira se se dirwang ke ba bangwe fela ka ba bona se ba tsenyetsa madi.

O boletse fa sephiri sa kgwebo e le go sa itsapeng le go dira ka lorato gore go nne le tswelelo pele e le bone ba kgonang go e itemogela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Ditshupo tsa nyeletso lehuma

Date : 04 Oct 2017