Breaking News

Molaodi ga a itumelele thologelo ya batho

04 Oct 2017

Molaodi wa Bokone Bophirima, Rre Keolopile Leipego o supile fa thologelo moletlo wa boipuso Kwa Maun e sa itumedise.

Molaodi Leipego o buile jaana ka letsatsi la go ipelela dingwaga tse di masome matlhano le bongwe kwa kgotleng kgolo ya Maun.

O supile fa tshwanelo e le gore serudumo sa moletlo wa boipuso se ka bo se gola ngwaga le ngwaga e seng go tsile palo e potlana fela ya batho. 

Rre Leipego o ne a gwetlha komiti go ipaakanyetsa boipuso, go itshwaraganya le beng ba dikgwebo ba ba mo kgaolong le go ngoka banana mo dikomiting.

Rre Leipego o ne a supa fa banana ba ka tswa ka megopolo ya go dira gore meletlo e tshwana le ya boipuso e atlege.

A re go thona gore go bo go tlhalosiwa fa go na le manyalo a mantsi le ditiragalo tse dingwe mo motseng ka letsatsi la boipuso, sengwe se se ka tswang se amile tholegelo ya batho mme a re bogogi jwa motse le balaodi ba tlaa itshwaraganya gore go ya pele go seka ga nna le ditiragalo tse dintsi tse di isang serodumo sa meletlo ya boipuso tlase kwa goo Tawana.

Letsatsi leo le ne le natetshiwa ke bommabontle, mmino wa Setswana, dikhwaere le poko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : LWETSE

Event : Boipuso

Date : 04 Oct 2017