Breaking News

Matlhogoputswa ba ribolola ngwao

26 Sep 2017

Matlhogoputswa a Masukwane kwa Bokone Botlhaba ba ne ba phuthaganetse kwa sekoleng se sebotlana sa Masukwane go kgaogana le bana ditso le ngwao ya letso la Sekalaka, segolo jang tse di neng di dirwa mo malobeng.

Ba ne ba supa fa morafe wa bone o humile ditso tse e neng e le tsone konokono ya matshelo a bone, ba supa gape fa ba ne ba di ilela e bile ba di tlotla.

E rile a bua kwa moletlong oo, Mogokgo Lizzy Mabutho o ne a tlhalosa fa jaanong a solofela diphetogo mo maduong a bana, segolo jang mo thutong ya tsa ngwao e e itsegeng ka leina la Cultural Studies.

A re bontsi jwa bana ba mo lefifing fa go tla mo dithutong tsa dingwao, ditso, dijo tsa merafe ka go farologana ga mmogo le tsone ditumelo.

O tsweletse ka gore merafe e tshwanetse go nna ba ipela ka dingwao tsa bone, a supa fa go santse go na le bangwe ba ba santseng ba tlhabelwa ditlhong ke dingwao tsa bone.

Mme Mabutho a re ngwao ke sekao sa motho, e supa gore o mang, o tswa kae le kwa o go yang.

O rotloeditse Batswana go nna le kgatlhego mo dngwaong tsa merafe e mengwe, go ithuta diteme ka go farologana, mebino ya merafe, ditumelo, ga mmogo le tse dingwe ka seo se ka ba sologela molemo mo isagong, segolo jang babereki ka ba fetola mafelo a pereko gangwe le gape.

O ne a akgola batsadi ba motse oo go bo ba ba tshologile mokgosi go tla go latlhela lesedi mo baneng ka ngwao ya Sekalaka.

A re ba tswelele ka go rutuntsha bana kwa malwapeng e seka ya nna selo sa moletlo fela kgotsa tiro ya barutabana ba le nosi kwa dikolong.

O tladitse ka gore moletlo o, o ne gape e le tsela nngwe ya go kokoanya madi go dira tsele le tsele tse di saletseng kwa morago mo sekolong jaaka go agela sekolo seo moriti ka paka ya selemo e gorogile.

Go ya ka mongwe wa matlhogoputswa a motse oo, Rre Zose Masalila, o ne a kgaogana le ba tsenelela moletlo oo ka tse ba neng ba di dira dingwaga tlola.

A re e re ka merafe e nyalelana go botlhokwa go itse dingwao ka go farologana.

O supile fa mo malobeng rre o ne a letlelewa go nna le basadi ba le bantsi, a tlatsa ka gore go ne go na le tirisanyo mmogo e e lolameng magareng ga malwapa ao.

A re seo ga se sa tlhola se dirwa ka se ka tsala dintwa le letlhoo magareng ga malwapa.

Rre Masalila o ne gape a supa fa dikgoro tsa malwapa otlhe mo bokalaka di ne di leba kwa bophirima tsatsi fa masaka a leruo a ne a leba kwa botlhaba tsatsi, a tlhalosa fa seo se ne se thusa fa go ka nna le kgonagalo ya gore motho a timele.

Mme Ntange Lufu le ene o ne a supa fa ngwao e le boswa e bile e thusa go bopa setho sa Motswana.

A re ngwana yo o golang a tlotla ngwao o gola sentle ka maitseo, botho le lorato.

O ne a tlhalosa gape ka meila e ba neng ba e sala morago jaaka wa dinkgo.

A re nkgwana ke nngwe ya didirisiwa tse di neng di ilelwa, a tlatsa ka gore e ne e sa bopiwe ke mongwe le mongwe ebile ntlo e e neng e bopela e ne e ilelwa.

A re le ntswa dilo dingwe di ne di le thata, ngwao ya bone e ne e tletse ka boitshoko ebile ba e rata ba sa e nyenyafatse jaaka ba bona go dirwa gompieno.

E rile a tswa la gagwe, Rre Robert Phuti go tswa kwa lekalaneng la tsa bogwebi la LEA, o tlhalositse fa ngwao e le botshelo ebile e le tshegofatso mo matshelong a Batswana.

O rotloeditse banni ba motse o go somarela ngwao ya bone gore e seka ya nyelela.

A re e re ka lekalana la bone le tlhomile bagwebi kwa pele, ba itemogetse fa ngwao le yone e ka dirisiwa e le tsela nngwe ya go itshetsa.

A re dijo di tshwana dhobi, wachulu, inkulumbigwa, delele, makgabulele le tse dingwe tsa letso la Sekalaka di ka somarelwa, ga dirwa dikgwebo tse di farologaneng ka tsone.

A re merafe e mengwe ga e itse ka dijo tseo ga mmogo le tatso ya tsone ka jalo di ka ba thusa tsa tlhatlosa matshelo a bone.

O rotloeditse dikole ka go farologana lefatshe ka bophara go dira matlo a ditso, kwa go tlaa somarelwang didirisiwa tsa setso gore e re nako e bana ba rutiwang ka tseo, ba bo ba ka kgona go di bona, lesedi le rothegele mo go bone.

A re go nne gape go lalediwa bagolo le matlhogoputswa a metse go tla go amogana le bana maele, mainane, meila le tse dingwe tsa ditso.

Rre Phuti o ne a supa gape fa ngwao e le mo tikologong.

O rotloeditse banni ba go ikgolaganya le ba tsomarelo tikologo le maphata a a lebaneng, go ba thusa go lema ditlhare segolo jang tse di neng di bonwa, di dirisiwa mo malobeng, kgotsa di na le sekao sengwe sa ngwao, a tlatsa ka gore dingwe tsa tsone ga di sa tlhole di bonala mme e bile bana ba sa itse ka tsone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : MASUKWANE

Event : Thuto Puisano

Date : 26 Sep 2017