Lemang le itekanyetsa- molemisi
02 Apr 2017
Rabalemisi wa kgaolo ya Palapye, Rre Alexander Letebele a re o bete se molangwana ka fa balemi ba kgaolo e a e okametseng ba lemang ka teng.
O buile seo kwa letsatsing la go ruta balemi mothale wa go somarela bokgola o dirisa ripper kwa masimong a balemi ba kgaolo ya Marokolwane gaufi le Ratholo bosheng.
Rre Letebele a re bontsi jwa balemi ba lema ditema tse di ba fetileng mme di ba palele go di tlhokomela ba bo ba felela ka thobo e e kwa tlase.
A re balemi ga ba a tshwanela go pateletsa fela gore ba leme ditema tse tlhano mme ba itse gore ga ba na go di tlhokomela.
O ne a rotloetsa balemi go itekanya ditema gore ba kgone go di tlhokomela a bolela fa seo se ka ba thusa go ntsha temo e e bonalang.
Rre Letebele a re go na le methale e mesha e ba e letsang gore balemi ba e dirise e bile ba e tlwaele e tshwana le go tshela menontshane mo mmung le go lema ka ditselana ka mo nakong eno temo e tshwanetse e tsewe jaaka kgwebo.
O tlhalositse fa ba tshwentswe thata ke thobo e e welang kwa tlase ngwaga le ngwaga mme puso e dirile maiteko a mantsi go thusa balemi ka go ba ema nokeng ka tse di farologaneng di tshwana le go ba fa dipeo, tshefi ya mhero le go ba lemela tema tse tlhano.
A re balemi ba phaka dipeo ba bo ba lema mme thobo ya bone e bo e sa supe gore ba tsere dipeo tsa ditema di le tlhano ka bangwe ba felela ba bone dikgetse tse tlhano fela mo temeng e le nngwe mme go sa tshwanela go nna jalo.
O kgothaditse balemi ba kgaolo eo go tsaya malebela mo baleming ba mafelo a mangwe bogolo jang ba Borolong ka ba kgona go ntsha dikgetse di le masome a mabedi kana go feta mo temeng e le nngwe.
A re se se supa fa balemi ba kgaolo ya gagwe ba sa dire sengwe sentle.
A re fa balemi ba ne ba sala dikgakololo tsa molemisi morago, go ka bo go na le tema e e bonalang.
Rre Letebele a re e re ka dipula di nele di le dintsi mo nakong e e fetileng menontshane e ile kwa tlase kwa e ka sekeng e fitlhelelwe ke dijwalo ka jalo balemi ba tshwanetse ba tlhatlhobe mmu wa ditshimo tsa bone gore ba itse gore monontshane o o tlhokegang ke ofe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : RATHOLO
Event : Phuthego
Date : 02 Apr 2017






