Breaking News

Balemi ba bolaile thobo

30 Mar 2017

 Kgaolo ya Tswapong e itsege ka go ntsha thobo e ntsi bogolo jang magapu.
Le fa go ntse jalo monongwaga kgaolo e e bone thobo e e ko tlase ya magapu ntswa dipula tse di namagadi di ile tsa tla balemi matshidiso.
Le fa dipula tse di amile thobo ya magapu ga ba a tswa fela ba itshopere mme ba kgonne go bolaya mabele le mmidi.
Mongwe wa balemi ko masimong a Mmamatlhajwa mo kgaolong ya Mathakola, Khutsafalo Mojaphiri a re o solofetse go bona dikgetsi tsa mabele di feta masome a matlhano.
E re ka Motswana a rile nonyane ya motsogapele e ja seboko se se nonneng, Mojaphiri o ile a nna mongwe wa balemi ba ntlha go baya ditema fa dipula tsa ntlha di phaila.
Fa pula e ntsi e setse e tla go goroga ke fa dijalo tsa gagwe di setse di godile mme tsa seka tsa babalelwa thata ke metsi a mantsi. A re magapu le dinawa di ile tsa amega, a tlhalosa fa magapu a sa batle metsi a mantsi.
A re molemi ga a tshwanela go baya mae a gagwe golo go le gongwe ka jalo o ikgomotsa ka mabele le mmidi.
Mojaphiri o lemile mabele  a mefuta e meraro, a Segaolane, Buster le Zaga-Zaga, a re mabele ao ka boraro ja one a dirile sentle.
Mo nakong e o setse a simolotse go roba mabele go a tsenya mo diraleng gore a ome a tle a kgone go a photha.
A re maikaelelo ke go rekisa mabele ao, a leboga puso go bo a thusitse balemi ka dipeo le go ba lemela.
A re temo ke kgwebo, e ka ntsha Motswana mo lehumeng e bile e ka thusa go tlhama mebereko.
A re o kgonne go thapa batho ba ba neng ba mo thusa go tlhagola.
Ko masimong a Kokonya gaufi le motse wa Mhalapitsa le gone ke monyenyo fela, ga gona ko go sa jeweng teng.
Kebitsalefe Diraditsile le ene o tlaa nna mongwe wa balemi ba ba tlaa bonang sengwe mono ngwaga mme ene a ratilwe thata ke ditloo.
A re ga a kgona go lema jaaka a ne a eleditse, ka a tlhalosa fa erile a lemoga fa bokgola bo mo sia a felela a lema ka go gasa ntswa puso e sa duelele go lema o gasa. A re tlhaelo ya digogi ke kgwetlho e tona, e e bileng e ama temo ka kakaretso.
Le fa a nna a lema mabele, mmidi le magapu, o ile a lema le sonobolomo, e le lantlha a dira jalo. A re sonobolomo ga ya tlwaelesega mme e dira sentle fela thata, a tlhalosa fa maikaelelo e le go e rekisa ko mmarakeng ko Palapye.
A re Batswana ba tshwanetse go lema dijalo tse di farologaneng ga mmogo le dijo tsa leruo gore ba kgone ba bone madi go intsha mo lehumeng. ENDS

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Palapye

Event : Polelo

Date : 30 Mar 2017