Barutabana ba itomile molomo wa tlase
28 Mar 2017
Barutabana ba sekole se segolwane sa Mosikari kwa Machaneng mo kgaolong ya Tswapong ba ikaelela go dira gotlhe mo ba ka go kgonang gore ba ntshe maduo a a nametsang le ntswa ba lebanwe ke kgwetlho ya go tlhoka kemo nokeng ya batsadi.
E rile a bua mo puisanong, mothusa mogokgo wa sekole seo, Rre Zacharia Sebopelo a re batsadi ba goga dinao mo go betleleng bana ba bone bokamoso.
Rre Sebopelo a re e le barutabana ba tsere boikarabelo jotlhe jwa go fa bana lesedi la botshelo ga mmogo le go bopa botho jwa bana.
O tlhalositse gore batsadi ga ba na mabaka ape a a utlwalang a gore ka go reng ba sa tshwaragana le barutabana.
O supile fa ba leka ka bojotlhe go supa kgatlhego ya go bereka le batsadi.
O ne a re ba nna ba buletse batsadi dikgoro tsa go tla sekoleng nako nngwe le nngwe go tla go lekola ka fa bana ba tsweletseng ka teng, a re mme batsadi ga ba bonale.
A re gape ba nna maswabi fa ba bitsa diphuthego ka maikaelelo a go tla go lekodisana ka bana ka jaana go nna go tla batsadi ba le bangwefela e bile ba le boutsana.
O ne a kaya fa go le botlhokwa gore morutabana le motsadi ba bereke mmogo.
O ne a bolela gore fa ngwana a na le mathata a a ka kgoreletsang thuto ya gagwe kwa lwapeng kgotsa mo sekoleng, ke tshwanelo ya gore bobedi joo bo itse bo bo bo thusane go ka tswa ka tharabololo.
A re go leka go ikatametsa gaufi le batsadi, ba dule ka mogopolo wa gore ka dinako tse dingwe ba tshwarele diphuthego mo kgotleng kgolo ya motse.
A re ngwana ke wa motsadi mongwe le mongwe, a bolela fa a eletsa gore fa ba bitsa diphuthego batsadi botlhe le ba ba senang bana kwa sekoleng ba tsee karolo.
Rre Sebopelo a re fa bana ba sa rutega ka dipalo tse dintsi mo motseng, e nna kgwetlho ka jaana diemo di tshwana le borukutlhi di golela pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : MACHANENG
Event : puisano
Date : 28 Mar 2017






