Ba Motlhaba wa lehuma ga ba na go ora molelo wa mariga
26 Mar 2017
E le ruri ke mang yo o ka lebalang ngwaga ono wa 2017? Monongwaga ga o kitla o tswa mo dipounameng tsa Batswana e bile o tlaa tswelela o gatisiwa mo dibukeng tsa ditso.
Go maleba gore monongwaga o tseelwe ko mankalengkaleng morago ga go tswa mo dingwageng tsa leshekere le legweelele mo naga e neng e nkga ere phuu! Dififi tsa diphologolo di leleanye gongwe le gongwe go sena fa lenao le gatang teng.
Tlhaga yone go sa buiwe, e rile setlhe! metsi one a bonwa kwa ga Motwenene. Go sitang ka maungo a naga one ka dinako tseo a bo a itsiwe ke badimo fela.
Mo mekgwatheng mo, barekisi ba bo ba paraladitse menwana ditlhwatlhwa di ile magoletsa mme monna a je tlhogo fa go nna jaana.
Mme ka Modimo o sa je nkabo, ya re fa ngogola o ya fifing ba lephata la tepo loapi ba tlhagisa ka dipula tse di bokete tse di tlaa nang ngwaga ono o simologa, ya bo ekete ke dinaane.
Bangwe ba re, e tlaa re re re ke dipitse re di bone ka mebala. Mme ga nna fela jalo, pula ya na matsorotsoro, metsi e le bophadiphadi gongwe le gongwe.
Balemi ba itoma molomo wa tlase ba kgakgamolola masimo, tshukudu ya temo ya lala e duma bosigo le motshegare.
Ya re fela ba nona pelo ka mathe go itse fa ba tlaa dika ba orile molelo wa mariga, ba bo jaanong ba tsenelelwa ke mhoholela wa diji.
E re le fa ntswa seru se se ne sa wela bontsi jwa balemi lefatshe leno ka bophara, ba masimo a Motlhaba Wa Lehuma bone ba re ba apeetse mo lophegong ka jaana seboko sa Fall army se tlaa ba jesetsa mo kgobedung mo e bileng ba setse ba tletswe ke boitlhobogo. Seboko se se go bolelwang e le sengwe sa diji tse di tlang le pula e ntsi, go bolelwa e le seji se se sa tlwaelesegang mo lefatsheng leno. Sebe sa phiri ke gore, seboko se se amile bogolo jang balemi ba ba lemileng morago ka se rata bobe mmidi o o fatlhogang. Mme Mbele Moeng wa masimo a Motlhaba wa lehuma a re o thantse le le tsebeng a sena go lemoga mmidi wa gagwe o ntse makgasakgasa, kante maloba ke e le maabane ka se ne se setse se tsene mo teng ga pelo ya mmidi. Mme Moeng a re o jwadile ka Sedimonthole a ya fifing mme seboko se sale se tlhasela mmidi o sa ntse o le monnye. Ka jalo o ne a ragogela ko molemising yo a fetileng a mo fa molemo wa chefi go tipa dijwalo. A re e rile ekete se tlaa kokobela, pula ya na thata ka bokete mme ya tsholola molemo mme maiteko ya nna poelo morago. Morago a ya go reka molemo o mongwe o o bidiwang Cyperin 200 EC a feta a tshela mo dijwalong. Le fa go ntse jalo, Mme Moeng a re go nnile le pharologanyo faesale a dirisa dichefi tseo. A re fa e ne e se pula e e netseng ruri maiteko a ba a dirang a go tipa, a ne a ka bonala. A re seboko se, fa se tsene mo mmiding, mmidi wa teng o felela o sa tsale o bo o sa gole. Mo mmiding o o patisang o ja bana se bo se diga letlhaka la mmidi. Gape o kaile gore fa mmidi o setse o le makgasa, o felela o nabela ruri mme e bile gape seboko se se tsena gape le mo dithotseng bogolo jang dinawa. “Fa e ne e se seboko se, re ne re tlaa dika re orile molelo wa mariga,” ga bua jalo Mme Moeng ka pelo e e botlhoko. Rre, Lebotsang Gobusamang ene a re o jwadile ka Sedimonthole a le 29 mme ba lemogile seboko ka kgwedi ya Tlhakole. A re ba ne ba ithaya ba re sefako se kile sa ralala tshimo fa ba bona mmidi o ntse makgasa, “baagisanyi ba bo ba re bolelela gore ke seboko.” A re le bone ba ne ba ya go tsaya molemo ko go molemisi go tipa dijwalo le fa ntswa ba sa itemogela pharologanyo e e kalo ka ntata ya pula. Rre Gobusamang o tlhalositse fa ba belaela fa seboko se se tsalwa ke serurubele. “Re simolola go bona seboko se ngwaga o e bile re ineetse.” Ga bua jalo Rre Gobusamang. A re seboko se fetola mebala fa se ntse se gola. Se simolola se le setala, se nne serokwa mme se felele se le sentshonyana. Le fa go ntse jalo, loeto go ya tshimong ya baagisanyi ba ga Rre Gobusamang ba ba iseng ba dire maiteko ape a go tipa, go lemosegile fa go tlhoka go tipa go dirisiwa dichefi go bakile tshenyo e e feteletseng mo masimong a bone. Seboko seo, se tsere taolo ka se jele dijwalo tsotlhe tse dinnye le tse ditona tota. Molemisi wa kgaolo ya Mahetlwe, Rre Oshi Mmereki o tlhomamisitse fa seboko seo se apesitse balemi kobo ka letshoba mo kgaolong-potlana ya Lentsweletau mme se amile thata balemi ba ba lemileng morago fa dipula di simolola go na ka bokete. A re o setse a neetse balemi ba le masome a mabedi molemo mo go ba le makgolo a mabedi masome a marataro le bone ba ba ikwadisitseng. Balemi ba ba lemileng lantlha jaaka Rre Joseph Tshireletso wa masimo a Kgophane, o kaile fa ene a sa amiwa ke seboko seo ka ene a lemile ka kgwedi ya Ngwanaatsele e simologa, ka jalo seboko se fitlhetse dijwalo di setse di godile ka e bile go lebega se rata dijwalo di sa ntse di le ko tlase. A re o dule ka letshoba la mogodu ka ene jaanong a setse a a ja legwetla. Go ya ka ba lephata la temo-thuo, seboko sa Fall army worm go bolelwa e le seji se se thata go laolesega mme se baka tshenyo e e feteletseng. Seboko se, se simolotse se utlwala mo mafatsheng a a mabapi a tshwana Zimbabwe le South Africa pele ga se tla mo lefatsheng leno mo pakeng ya gompieno ya pula. Ka jalo balemi ba kgothaditswe go tswelela ba dirisa dichefi go fenya seboko se le go dirisanya le balemisi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MAHETLWE -
Event : Polelo
Date : 26 Mar 2017






