Kgosi Sechele o bolokilwe
04 Jul 2016
Kgosi Boniface Sechele wa Sechele mo kgaolong ya Bokone Botlhaba o kailwe fa a ne a le lorato, a le boikobo e bile a kgathala ka batho ba bangwe.
Dibui kwa tirelong ya phitlho ya gagwe kwa motseng oo ka Matlhatso di mo kaile e ne e le motho yo o neng gape a tlotla tiro ya gagwe e bile ka dinako tsotlhe a e dira ka matsetseleko le ntswa a ne a tshela ka bokoa.
Mongwe wa dibui, Rre Gilbert Sechele o ne a tlhalosa fa moswi a ne a rata therisanyo mo a neng a ka seke a dire sepe ntle le go thulanya ditlhogo le ba bangwe.
O ne gape a supa fa Kgosi Sechele a ne a na le bokgoni jo bo kwa godimo jwa go etelela pele le go fa batho bokaedi; selo se go tlhalositsweng fa se ne se mo kgontsha go dira tiro ya gagwe ya bogosi ka matsetseleko.
Kgaitsadie Kgosi Sechele, Mme Poloko Ramokate le ene o ne a gatelela lerato le moswi a neng a na nalo mo tirong ya go etelela pele morafe wa motse oo.
A re se se ne sa itshupa fa Kgosi Sechele a ne a ganana le mogopolo wa gore a tlogele tiro a ikoke, a supa fa Kgosi Sechele a ne a bolela fa go dira jalo e ne e tlaa bo e le bogatlapa.
Sebui se sengwe, Mme Moggie Mbaakanyi ene o ne a itsise kokoano e e neng e le foo gore le ntswa Kgosi Sechele a ne a kubugelwa ke bolwetse jwa go swa mhama (stroke) dikgwedi tse thataro morago ga go tlhongwa mo setilong, se se ne sa seka sa mo itsa go tswelela a eteletse pele morafe wa gagwe ka manontlhotlho.
Mongwe wa ba ba dirileng le ene nako ya a fa a le modiri mo lephateng la ditsela Rre Sonny Mosepele o ne a bolelela morafe o o neng o thologetse phitlho eo fa Kgosi Sechele a ne a lebela dilo kwa pele.
Rre Mosepele o ne a supa fa Kgosi Sechele a ne a rotloetsa ene le ba bangwe ba babedi ba a neng a atamelane nabo thata go inaakanya le thuo, mogopolo o a tlhalositseng fa ba babedi ba bone ba ne ba o amogela ka tsoopedi mo le mo nakong eno ba ntseng ba o tshegeditse.
Go sale foo, o ne a tlhalosetsa ba morafe wa phitlho fa moswi a ne a seke a itetla go fenngwa mo puong le gone tota go gatelelwa ke mabaka ape a a sa itumediseng a a neng a ka iphitlhela a le mo go one.
Rre Mosepele o ne a fa sekai ka tiragalo e mo go yone Kgosi Sechele le boraro jwa ditsala tsa gagwe tse a neng a dira natso kwa lephateng la ditsela ba ne ba kwala lekwalo ba ngongorega ka bagolwane ba bone; kgato e e neng ya baka gore ba romelwe kwa Maun go ya go direla teng.
A re e re ka jaana mokgweetsi yo o neng a ba isa Maun a ne a filwe lekwalo go ya go le rolela bogogi jwa ditsela koo, bone jwa bone ba ne ba loga leano mme ba dumalana go rekela mokgweetsi bojalwa mo tseleng mme ya re a sa ntse a itumeletse ntshe ba utswa lekwalo go le tlhodumela mme ba fitlhela le ne le laela mogolwane wa kwa Maun gore a fete a ba berekise bokete thata ka ba le ditlhogodithata.
Rre Mosepele o ne a kaya gore ka go retelelwa ke go gatelela bone joo, mogolwane kwa Maun o ne a kwalela gape kwa bagolwaneng kwa Francistown gore Kgosi Sechele le bommata ba gagwe ba ntshiwe kwa Maun mme morago ga go isiwa ga lekwalo kwa posong Kgosi Sechele a ya go kopa modiri wa poso go le mo fa go le busetsa kwa ofising ka jaana mogolwane a ne a batla go baakanya sengwe mo go lone.
Morago ga go le bula a bo a le bala, Rre Mosepele o ne a tlhalosa fa Kgosi Sechele a ne a le gagola, selo se se neng sa tsala ngongora mo mogolwaneng wa bone gore le fa a ikuela ka bone kwa bagolwaneng ba gagwe ga a reediwe.
Kgosi Sechele, yo o tlhokafetseng kwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bone, o tsholetswe kwa Sechele ka ngwaga wa 1939.
O diretse dithuto tse dipotlana kwa Makaleng le kwa Lobatse, mme a ya go dira tse dikgolwane kwa Mochudi, fa tsa ithutelo ditiro mo mhameng wa ditsela a di dirile kwa Amerika.
O tlogetse bodirelapuso ka bogodi ka ngwaga wa 1999 mme a tlhongwa kgosi ya motse wa gaabo gone mo ngwageng oo.
Kgosi Sechele o tlogela mo botshelong mohumagadi wa gagwe, bana ba le bararo le bana ba bana ba le bane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : Molepolole
Event : Phitlho
Date : 04 Jul 2016






