Breaking News

ISPAAD lenaneo la mmamoratwa

27 Apr 2016

E ne ya re go bona bontsi jwa banana le bomme ba aperwe ke lehuma, puso ya otlolola letsogo go ka bepa seemo. 

Mme Lydia Mochankana wa Machana kwa kgaolong ya borwa ke mongwe wa bomme ba ba neng ba ititaya ka thupana go inaakanya le mananeo a puso. 

E rile fa a bua mo potsolosong le BOPA bosheng, a tlhalosa fa a ne a ikgethela go ithapa a ba a thapa le Batswana bangwe ka lenaneo la ISPAAD, le ka lone molemi a fiwang menontshane le dipeo a bo a lemelwa ditema tse tlhano ngwaga le ngwaga ntle le go lopiwa dituelo.

A re e sale e re go simolodisiwa ga lone, tlala ya fetoga go nna selo sa moloba mo go ene le Batswana ba bangwe.

O kaile gape fa lenaneo le le direla lefatshe leno dijo gape le tsosolositse serodumo sa temo se Batswana ba neng ba itsege ka sone mo dinakong tsa maloba mme ka jalo e bile ba ikaegile ka yone, se gape sa thusa le go tsosolosa ngwao ka dikgafela di teng ka ntata ya temo e e nametsang.

A re e re ntswa e ne e le motho yo o ratang thata temo ka jaana go ikaegilwe ka yone, ISPAAD e mo isitse ga gabo ka jaana mo nakong ya gompieno a sa lemele fela go jela mo ganong mme a dira e le kgwebo go ka mo tlodisa dinoka di tletse.

Fa motho a tsena mo tshimong ya gagwe o kopantshiwa ke mabele a sebethane a a kgatlhang fela thata le lebelebele tse di jwadilweng ka ditselana, di ikadile ka tshimo.

A re fa go tla nako ya temo o ikanya thata go jwala ntshe, mabele, dinawa, magapu le makatane magareng ga tse dingwe ka jaana e le dijwalo tse di kgonang go itshwarelela ka dinako tsa diemo tse di sa iketlang tsa loapi, a tlatsa ka gore dijwalo tse di bogadi bo gaufi gape di na le letseno le le fa godingwana la madi ka nako ya thekiso.

Mochankana o kaile fa ka lenaneo le,a ititeile sehuba go itshetsa ga mmogo le go direla lefatshe leno dijo, le gone go tlhamela Batswana ba bagwe ditiro le fa ntswa e se tsa sennela ruri.

Mme yo wa sekgantshwane sa temo, a re botlhaga le bopelotelele ke tsone di mo thusang go fitlhelela maikaelelo a gagwe.

O tlhalositse fa temo e le motswedi wa botshelo. “Ke rata temo ka pelo ya me yotlhe, tshimo ke yone ofisi ya me, ke dira ka gotlhe mo ke ka go kgonang fa go tla nako ya tiro ya tshimo,”o tladitse jalo.

A re le fa go se kalo mo a ka go supang mo a go itiretseng,fela ka dipoelo tsa thobo ya gagwe o itiretse go le gontsi, a re o inamotse mathata a botshelo ka bontsi ka yone.

O tlhalositse fa go reetsa dikgakololo tsa balemisi go mo tlodisa melatswana. BOKHUTLO  

Source : BOPA

Author : Mphoentle Gopadile

Location : MACHANA

Event : Potsolotso

Date : 27 Apr 2016