Go dira ditshwantsho go fetola William
09 Mar 2016
Rre Emafa William wa Gunutsoga kwa Nhabe, o tsaere malebela a go betla legong kwa Okavango Artist Association.
Go dira ditshwantsho tsa legong go fetotse botshelo jwa monana yo ka a setse a ikagetse fa a latsang tlhogo teng e bile a goketse motlakase.
E rile mo potsolotsong bosheng, Rre William yo o dingwaga di masome mararo le bobedi, o tlhalositse fa mokgatlho wa Okavango Artist Association o mmutse matlho ka ngwaga wa 2012 mme a tsaya botsipa jwa go dirisa legong le le omileng go na le go dirisa le le metsi.
“Fa ke sena go tsena mokgatlho o, ke ne ka emisa go dira dilo tse di tlwaelesegileng jaaka dikika, mme ka simolola go betla ditshwantsho tse di nang le boleng e bile di na le molaetsa,” a tlhalosa.
A re o rutilwe gore go botlhokwa go dirisa legong le le omeletseng ka go dirisa le le metsi go ka kokonela tikologo.
O supile fa legong le a le dirisang thata ele pelo ya mophane ka a dumela fa e le motlhofo go phatshima.
E re ntswa monana yo a anywile botsipa kwa Okavango Artist Association, o supile fa a tswa goo lowe a rata go betla mathata e ne e le kitso e e neng e tlhokafala.
A re o ne a betla mafetlho, mekoro e menyenyane, maswana e le ka lerato fela.
Go bona fa a na le lerato mo go direng ka legong, Rre William o tlhalosa fa a ne a bereka mo khamphaning ya Kukama Camp dikgwedi tse thataro, mme mo go tsone o ne a ba kgabisetsa ka dikgong tse a neng a kopana le tsone.
O supile malebo a gagwe mo mokgatlhong o ka o ne wa felela o mo isa thuto-puisanong e e neng e tsamaisiwa ke ba ofisi ya banana.
“Ke ne ka tsena dithuto tse le bangwe ka nna, moono wa bokopano jo e ne e le go ntsha batshwantshi/ babetli mo go diriseng logong le le metsi ka go dira jalo go felela go senya tikologo,” a tlatsa.
Rre William a re ene le batsaya karolo mo dithutong tse ba ne ba dira setshwantsho ka legong, morago sa felela se supiwa mme batho ba se kgatlhegela fela thata.
O ne a rutwa gore fa a betla setshwantsho se tshwanetse gore ka dinako tsotlhe se bo se na le bokao le gore se raya eng mo moreking.
A re setshwantsho se ba neng ba se dirile mo dithutong tso se ne se tlhalosa letsatsi la me la boitapoloso e le go supa gore motho le fa a ka tswa a bereka, go na le nako ya go ikhutsa.
Dingwe tsa ditshwantsho tse di dirilweng ke Rre William ke se a tlhalosang fa a gwetlhilwe ke nonyane ya ntsu fa a se dira.
O se file molaetsa o o reng 'fa a fofa', a re mo e ne e le go supegetsa moreki fa ntsu e tshwana fela le motho wa mme e le motsadi e bile a sireletsa bana kgotsa lelwapa la gagwe ka dinako tsotlhe.
O tlhalositse fa mokgatlho o, o dira ditshupo tse nne ka ngwaga go ba bapatsa. A re mo go mo thusa fela thata ka e le mmetli go bapatsa ditshwantsho tsa gagwe.
Go dira ditshwantsho tse tsa gagwe monana yo o tlhalositse fa a tsaya sebaka sa beke go sekaseka gore setlhare/ logong le a le tshwereng le ka dira eng se se ka kgatlhang moreki a etse tlhoko le molaetsa o se ka o fetisetsang kwa moreking.
Dingwe tsa didirisiwa tse a di dirisang go dira tiro e ntle e ke petlwana, chisele, logong le pampiri e e rethefatsang logong, mme go fa setshwantsho se a se betlang boleng a dirisa swai.
Le fa go ntse jalo, Rre William o supile fa a ithuta dilo tse dintsi tse di farologaneng ka a tshwara mo Arts& Crafts go dira ka pampiri. O supile fa a bapatsa ditshwantsho tse a di dirileng ka logong teng ka e le kompone ya makgowa.
Le mororo, monana yo o tlhalositse fa a sa sekamela kwa go direng ka logong fela, a re o ruile bommutla ba a ikaeleleng go ba rekisetsa ba dikole tse dikgolwane. A re mo go ka baka gore bana ba kgone go bona se ba rutwang ka sone.
A re lorato la mebutla le mo tletse morago ga go lebelela lenaneo la molemi-morui mme a kgatlhiwa ke mebutla.
Mo ga mo gwetlha go batla mebutla mme ka e le motho wa batho a e fiwa ke mme yo a mmerekang. O tlhalositse fa mo bogompienong e tsetse e bile e setse e le lesome le botlhano ka palo.
Rre William o ne a gakolola banana go ema ka dinao ba dirisa ditalente tsa bone ka dinako tsotlhe go na le go ikanya go bereka, ka tiro e kgona go senyega mme talente yone go se ope yo o ka e tsayang mo go bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Montle Modisawamarole
Location : Gaborone
Event : Maun
Date : 09 Mar 2016






