Breaking News

Boithaopo le boineelo konokono mo tirong

09 Mar 2016

Tiro ya borutabana e tlhoka boithaopo le boineelo gore maduo a tle a tokafale.

Sebui sa tlotla kwa moletlong wa kabo dimpho ya barutabana ba ba dirileng sentle mo tirong kwa Madikwe Primary School kwa Bobonong Rre Kgoberego Nkawana, o boletse fa barutabana ba tshwanetse go nna lerato mo baithuting.

A re se ka dira gore baithuti ba ithute ka tshosologo ba sa tshabe barutabana. Rre Nkawana, yo eleng mongwe wa baithuti ba ntlha go bula sekole se ka ngwaga wa 1970, a re barutabana ba tshwanetse go nna le lenyora la go bona tiro ya bone e tsamaya sentle e bile ba bereka ka tshwaragano.

O ba gakolotse go dirisa boitemogelo jo ba bo amuleng mo tirong go diragatsa dielo tsa sekole.

A re dimpho tse di neetsweng barutabana ke go lemoga kafa ba berekang ka thata mo tirong ebile gase tuelo ka jalo aba kopa go tswelela ba bereka ka natla.

Rre Nkawana o boleletse barutabana gore  ba itse fa bale mokokotlo wa lephata la thuto le itsholelo ya lefatshe.

O ne a fetsa ka go abela sekole sekete sa dipula sese tla dirisiwang mo ditlhabololong tsa sekole.

Mogolwane wa lephata la thuto mo kgaolong  ya Selibe Phikwe/Bobonong( SELEBO) Rre Jacob  Kebalebile o tlhalositse fa letsatsi la kabo dimpho ya barutabana  ele go lemoga lego leboga barutabana ba ba dirileng sentle mo tirong ya bone.  

A re barutabana ba sekole se, ba supile tswhwaragano le mowa wa go bereka mmogo ke ka mong ba kgonang go dira sentle ka jalo aba kopa go tswelela ba tswaragane ba bereka mmogo gore go ntsha maduo a tlhwatlhwa e nne ngwao ya sekole  se.

Mogoko wa sekole se,Rre Kelapile Patiko o tlhalositse fa moletlo wa kabo dimpho ya barutaba ele mokgwa wa go kgotlhatsa barutabana go bereka ka nata ka go supa fa go ka thusa gape mo go tlhabololeng maduo a baithuti.

A ba mo ngwageng wa boraro ba ntse ba dira kabo dimpho ya motlhale o ebile e supa fa etswa maduo ka sekole sa bone se kgona dira sentle ka 81% go feta seelo sa 80% sese beilweng ke lephata la thuto la SELEBO.

Mogokgo o boletse fa sekole sa gagwe se nale barutabana bale masome a mabedi le bongwe go balelwa mogokgo le mothusi wa gagwe mme barutabana bale lesome le bosupa ba kgonne go tsaya dietsele ba fenya seelo sese neng se beilwe ke sekole.

A re sekole se ne se beile seelo sa go bona morutabana yoo nang le bana bale bantsi ba ba fentseng ka matshwao a AB le ABC.

O boletse fa Mme Oduetse Kgoboki ene ya nna morutabana yoo gaisitseng ba bangwe ka go nna  morutabana yoo berekileng ka nata le yoo tokafeditseng tiro ya gagwe. Rre Patiko a re maikaelelo a sekole ke go bona barutabana botlhe mo sekolong ba gapa dietsele tsa motlhale o.

O tlhalositse fa bosheng lephata la Meepo,Kgotetso le Metsi le abetse sekole sa bone dibalamakgolo dile tlhano le porintara ele tebogo morago gago lemoga fa sekole se se dirisa motlakakase le metsi sentle.

A re sekole se mo dipuisanong  tsa go tsamaiswa ke baithuti ba pele ba sekole se mme dipaakanyo tsa go dira ditumalano di santse di tsweletse sentle. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : Bobonong

Event : Moletlo

Date : 09 Mar 2016