Tampana-Senwamadi
27 Mar 2014
Se le bonnye bo kana kana maatla se a tsaya kae? Senwa madi ga go tewe motho yo o itseweng ka go tsietsa kana boferefere, kana yo o se keng a bua boammaaruri .
Fa o tsaya mosepele o etela ko kgaolong ya Kgalagadi borwa go na le setshedinyana se se botlana se se jesetsang ditshedi tse dingwe mo kgobedung, setshedinyana se se bidiwa tampana. Ke ne ka ipotsa dipotso tse dintsi, mme di sena dikarabo, go nne go ne go le letsatsi mme diruiwa tsotlhe tse ke di boneng mo kgaolong eo go simolola ka dikgomo,dihutshane le ene motho tota go ne go sena se se tshabelang letsatsi ka fa tlase ga setlhare.
Mme ke ne ka tlelwa ke go batla go itse gore mabaka a ka tswa e le eng, ka gore mo dikgaolong tsa Kgalagadi borwa ha go le letsatsi le le ntshang noga mo mosimeng diphologolo gotlhe le sika loo motho di tshabela letsatsi ka fa tlase ga ditlhare. Ke ne ka tswa ka tsena kwa Tsabong mme ka iphaphatha ka noka ya Molopo ka leba kwa motsaneng o o bidiwang Khawa, ha ke tla a bona matlhotlha pelo a setshedinyana se.
Setshedinyana se, go bolelwa fa bogale jwa sone bogakala thata ka nako ya selemo fa letsatsi le lela thata, mo ebileng le motlhaba o tla o bonang o phatsima jaaka lentswe la teemane.
Se e le one tota mogote o o pateletsang ditshedi tse dingwe go tshabela ka fa tlase ga ditlhare go batla moruti. Tampana ke setshedinyana se se botlana fela thata, se se lekanang le sebati bogogo ka mmele le ka go gola, mme ga se tshabe go diga phologolo e kanang ka kgomo fa se setse se galefile.
Setshedi se se bonwa thata ka fa tlase ga ditlhare tsa mokha, le mokala tse di fitlhelwang thata mo kgaolong eo. Fa o tsena mo malwapeng a mangwe mo motsaneng wa Khawa, o fitlhela go lemilwe ditlhare di tshwana le tsa mabulukomo,pepere le o ne morolwana tota, kgang kgolo e le go dira moruti, mme se se fakgamatsang banni ba motse oo ke gore tampana e nna mo motlhabeng o o ka fa tlase ga tsone ditlhare tse.
Monni wa Khawa, mme Rachel Setswalo, wa dingwaga tse di masome a supa le bongwe (71) a re ene o tsaletswe kwa Khuis mme a hudugela ko Khawa ka nyalo, kwa a fetileng a bona tampana teng, mme o boletse fa e kile ya batla go mmolaela ngwana a mo robaditse ka fa tlase ga setlhare.
Mme Setswalo a re o ne a utlwa ka selelo sa ngwana, mme e rile o tabogela teng a fitlhela ngwana a ngaparetswe ke ditampana mmele otlhe, a kua a kopa thuso mo bathung, mme ba dintsha a sala a rurugile mmele otlhe, ba mo sianisetsa ga kokelong, ko a neng a fetisediwa kwa sepateleng ko Tsabong, e le gore bothata ke gore ngwana ga a na madi mo mmeleng.
Mme Setswalo a re tampana e borai ka gore e ikepela mo motlhabeng mme e re ha motho a nna kana seruiwa se ema ka fa tlase ga setlhare di tsitsipologe mo motlhabeng mme di simolole go tlhasela. A re tampana ke sengwe sa ditshedi tse ditlhokisang banni ba motse boroko, ka dibolaya le tsone dipudi tota, o tlhalosa fa e rile mo bekeng tse pedi tse di fetileng tsa bolaya podi ya morui mongwe ka ene e tsaletse ka fa tlase ga setlhare .
Rre Chaoto Kganauwe, yo o dingwaga tse di masome matlhano le bongwe (51) wa motse wa Tsabong, ene o boletse fa ditampana di le maswe fela thata a bolela fa di kgona go bolaya kgomo, a re e rile nako nngwe mo dingwageng tse di fetileng tsa mo tlhasela fa a ne a ikhutsitse ka fa tlase ga setlhare sa mokha.
Rre Kganauwe a re ke motho yo o neng a itshiela mme ya re a utlwa a lapile, a le mo tseleng go leba ko lwapeng a ikhutsa ka fa tlase ga setlhare mme ka bo madi mabe a tshwarwa ke kgofa, a re o thantse a iphitlhela ko sepateleng a sa itse le gore o ile jang teng.
“Ke ne ka selwa ke bahiti ka tsela mme ga fitlhela ele gore ditampana di ne di setse di mpabaletse mme ba mphitisetsa ko kokelong ko ke thantseng teng. Ke ne ka tlogela bojalwa tsatsi lone leo go fitlhelela gompieno ka ke boile mo lebitleng le atlhame,’’go bolela Kganauwe.
Rre Kganauwe yo eleng motlhokomedi yo mogolo wa dikammela, a re o le mogile fa bojalwa bo sena maduo ka jalo a kgaogana le jone ka a ne a fetsa beke a robaditswe ko sepatela, mmele wa gagwe o rurugile fela otlhe bakeng la ditampana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Aubrey Maswabi
Location : KHAWA
Event : Interview
Date : 27 Mar 2014